Kgaolo 9

1 Ke bolela boammaruri mo go Keresete. Ga ke ake, mme letswalo la me le a mpakela mo Moweng yo o Boitshepo, 2 gore mo pelong ya me go na le khutsafalo e kgolo le botlhoko jo bo sa feleng. 3 Gonne ke ne ke ka eletsa gore ke ka hutsiwa mme ka kgaoganngwa le Keresete ka ntlha ya bagaetsho, ba lesika la me mo nameng. 4 Ke Baiseraele. Ba amogetswe, ba na le kgalalelo, ba na le dikgolagano, neo ya molao, kobamelo ya Modimo le ditsholofetso. 5 Bo rraabonemogolo, ke batsadi ba ga Keresete ka fa nameng , ene yo e leng Modimo godimo go dilo tsotlhe. A a galalediwe ka bosakhutleng. A go nne jalo. 6 Mme ga se gore ditsholofetso tsa Modimo di paletswe. Ka gore ga se mongwe le mongwe mo Iseraele yo e leng Moiseraele ka boammaaruri. 7 Le gone ga se gore botlhe ba kokomane ya ga Aberehame, ke bana ba gagwe ba boammaaruri. Mme,'' Kokomane ya gago e tla a tswa mo go Isake.'' 8 Ka gore, bana ba nama ga se bana ba Modimo. Mme bana ba tsholofetso ba tsewa jaaka dikokomana tsa gagwe. 9 Gonne se ke lefoko la tsholofetso; ''ka nako e, ke tla a tla, mme Sara o tla nna le ngwana wa mosimane.'' 10 E seng fela mo, morago ga gore Rebeka a imisiwe ke monna ale mongwe,-raarona Isake- 11 bana ba ne ba ise ba tsholwe, mme ba ise ba dire sepe se se molemo kana se se bosula, gore maikaelelo a Modimo a boikgethelo a diragale, e seng ka ditiro tsa rona, mme ele ka ene yo o bitsang- 12 o ne a tewa ga twe,'' Yo motona o tla a direla yo mmotlana.'' 13 Go ntse fela jaaka go kwadilwe; ''ke rata Jakoba, mme ke ila Isau.'' 14 Ke tla a reng jaanong? A gona le tshiamololo mo Modimong? A go seka ga nna jalo. 15 A raya Moshe a re,''Ke tla a utlwela botlhoko yo ke tla a mo utlwelang botlhoko, ke tla a tlhomogela pelo yo ke tla a mo tlhomogelang pelo.'' 16 Gonne, ga se ka ga ene yo o eletsang , kana yo o tabogang, mme ke ka ga Modimo, yo o supang boutlwelo botlhoko. 17 Gonne dikwalo di raya Faro di re, '' Ka go tlhomile ka lone lebaka le, gore ke supe thata yame mo go wena, gore leina la me le tle le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.'' 18 Ka jalo , Modimo o utlwela botlhoko yo a batlang go moutlwela botlhoko, mme o thatafatsa pelo yo a batlang go mothatafatsa. 19 O tla a nthaya ore, ''ke eng a santse a bona molato? Ke mang yo o iseng a ko a emele thato ya gagwe?'' 20 O mang o ganetsanang le Modimo? A se se bopilweng se ka raya mmopi se re, '' ke eng o mpopile jaana? 21 A mmopi wa dipitsa ga ana taolo mo letsopeng le a le tshotseng, go dira ka lone sejana se se kgethegileng, le sejana se sengwe go dirisiwa tsatsi le letsatsi? 22 Fa ele gore Modimo, yo o eletsang go supa bogale jwa gagwe le go dira gore maatla a gagwe a itsege, a itshokile ka lebaka mo dijaneng tsa tshakgalo tse di baakanyeditsweng go senngwa? 23 Jaanong fa ele gore o ne a dira gore a tle a supe mahumo a kutlwelo botlhoko mo dijaneng tsa tshegofatso, tse a neng a di baakanyeditse kgalalelo? 24 Jaanong fa ele gore o dirile jaana le mo go rona, rona ba a re biditseng, mme e seng fela mo Bajuteng le mo baditshabeng? 25 Jaaka a buile gape mo go Hosea; '' Ba e neng e se batho ba me ke tla a ba bitsa batho ba me, le baratwa ba e neng e se baratwa. 26 Mme gone fa ba neng ba tewa gotwe, '' Ga le batho bame, ba tla a bidiwa barwa Modimo yo o tshelang.'' 27 Esaya a lelela Iseraele, " Fa palo ya bana ba Iseraele e ne e le kanang ka motlhaba wa lewatle, e ka nna masalela a a ka bolokwang. 28 Morena o tla a diragatsa lefoko la gagwe gone jaana le feletse. 29 Ke jaaka Esaya a buile, ''Fa Morena wa masomosomo a ne a sa re tlogelela kokomane, re ka bo re tshwana le Sodomo, re dirageletswe ke se se diragaletseng Gomora. 30 Re tla a reng jaanong? Baditshaba ba ba neng ba sa sala tshiamo morago, ba ne ba e bona tshiamo ka tumelo. 31 Mme Iseraele, yo o ileng a sala molao wa tshiamo morago, ga ba aka ba bona tshiamo. 32 Ke eng go sa nne jalo? Ka gore ga ba e batle ka tumelo, mme ka ditiro. Ba kgopilwe ke lentswe la kgopo, 33 jaaka go kwadilwe, '' Ke beile mo Sione lentswe la kgopo le lefika la kgopiso. Yo o dumelang mo go lone ,ga a na go tlhajwa ke ditlhong.