Kgaolo 10

1 Bakaulengwe, keletso ya pelo yame mo Modimong, le thapelo yame, ke gore ba bolokwe. 2 Ke paka ka bone gore ba na le keletso ya go tshelela Modimo, fela ga ba na kitso. 3 Ga ba itse tshiamo ya Modimo, jaanong ba batla go itirela tshiamo ya bone. Ga ba a ineela mo tshiamong ya Modimo. 4 Keresete ke pheletso ya molao wa tshiamo mo mongweng le mongwe yo o dumelang. 5 Moshe o kwadile ka tshiamo e e tswang mo molaong:'' Motho yo o dirang tshiamo ya molao o tla a tshela ka tshiamo e''. 6 Mme tshiamo e e tswang mo tumelong ya re,'' o seka wa bua mo pelong ya gago gore, ''ke mang yo o tla a tlhatlogelang legodimong?'' ( go folosetsa Keresete tlase). 7 O seka wa re,'' ke mang yo o tla a yang bobipong?'' (ke gore go tsosa Keresete mo baswing.) 8 Mme ya reng? ''lefoko le gaufi le lona, mo melomong ya lona le mo dipelong tsa lona''. Mo ke lefoko la tumelo, le re le buang. 9 Fa o bua gore Jeso ke Morena ka molomo, a bo o dumela mo pelong ya gago gore Modimo o mo tsositse mo baswing, o tla a bolokwa. 10 Ka gore ka pelo motho o a dumela mme a siamisiwe, mme yo o buang ka molomo gore Jeso ke morena o a bolokwa. 11 Lekwalo la re, "mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene ga ana go tlhabiwa ke ditlhong." 12 Ka ga gona pharologano magareng ga Bagerika le Bajuta. Ka gore Morena ke Morena wa botlhe, mme e bile o segofatsa botlhe ba ba mmitsang. 13 ka gore mongwe le mongwe yo o bitsang mo leineng la Morena o tla a bolokwa. 14 Ba ka mmitsa jang yo ba sa dumelang mo go ene? Ba ka dumela jang mo go ene ba sa mo utlwa? ba ka utlwa jang go sena moreri? 15 Ba ka rera jang ba sa rongwa?- jaaka go kwadilwe gore.'' go gontle jang, dinao tsa yo o tsisang mafoko a molemo?'' 16 Mme ga ba a ka ba reetsa mafoko a a molemo botlhe. Esaya o rile, ''Morena ke mang yo o dumetseng molaetsa wa rona?'' 17 ke gonetTumelo e tla ka go utlwa, go utlwa lefoko la Modimo. 18 Mme ka re, ''a ga ba a utlwa''? Ba utlwile. ''Lentswe la bone le utlwetse mo lefatsheng lotlhe, le mafoko a bone ko bokhutlong jwa lefatshe.'' 19 Mme gape ka re,'' A Iseraele ga a utlwa''? Moshe lantlha o rile, '' ke tla a go gwetlha go fufegela ba eseng morafe wa sepe. Ka morafe yo o senang kitso, ke tla a le gwetlha go galefa''. 20 Esaya o ne a re, " Ke ne ka bonwa ke ba ba neng ba sa mpatle. Ke iponagaditse mo go ba ba neng ba sa ntshenke.'' 21 Mme a raya Eseraele a re, '' Ke otlololetse letsogo la me kwa bathong ba ba senang kutlo le ba ba ditatalela.''