Kgaolo 7

1 A ga le itse bakaulengwe (gonne ke bua le batho ba ba itseng molao), gore molao o laola motho fa a santse a tshela? 2 Mosadi yo o nyetsweng o tshwarwa ke molao fa monna wa gagwe fa a tshela, mme fa monna a a swa, mosadi o golotswe mo molaong wa lenyalo. 3 Jaanong fa monna a tshela,fa mosadi a nna le monna yo mongwe, o bidiwa seaka. Mme fa monna a swa, mosadi o golesegile mo molaong wa lenyalo jaanong ga a sa tlhole ele seaka fa a nna le monna o sele. 4 Jalo he, bakaulengwe, le sule mo molaong ka mmele wa ga Keresete. Gore le kgone go kopanngwa le yo mongwe, ke gore, yo o tsositsweng mo baswing, gore re tle re ntshetse Modimo leungo. 5 Gonne fa re ne re le mo nameng, dikeletso tsa nama di ne tsa ntshafadiwa mo mebeleng ya rona ka molao go ntsha leungo la leso. 6 Mme re golotswe mo molaong. Re sule mo go se se neng se re tsentse mo botshwarong gore re kgone go direla ka Moya o mosha e seng ka mokgwa wa bogologolo wa molao. 7 Re ka reng jaanong? a molao ka bo one ke boleo? A go se ka ga nna jalo. Nkabo ke sa itse boleo fa e ne e se ka molao. Ke ne ke sa itse gore go eletsa dilo tsa ba bangwe ke boleo go fitlhela ke lemoga gore molao wa re, ''Ga le a tshwanela go eletsa dilo tsa ba bangwe.'' 8 Mme boleo jwa bona tshono ka se molawana o se buang, ba tsisa keletso nngwe le nngwe e e bosula mo go nna. Fa molao o seo,ga gona sebe. 9 Nako nngwe ke ne ke tshela go sena molao, mme fa molao o tla sebe sa tsosoloswa, mme ka swa. 10 Molao o o neng o tshwanetse go tsisa botshelo wa tsisa leso mo go nna. 11 Boleo ba bona tshono ka molao mme ba ntsietsa. Ba mmpolaya ka ntlha ya molao. 12 Molao o boitshepo, taolo e boitshepo, e siame ebile e molemo. 13 A se se molemo se fetogile leso mo go nna?A go se nne jalo. Mme boleo gore bo supiwe ka se se molemo,ba nkgaoganya le Modimo.Se ene ele gore mo molaong sebe e nne sebe se se senang bolekanyetso. 14 Re itse gore molao o semoya, mme nna ke mo nameng. Ke lekgoba la boleo. 15 Se ke se dirang, ga ke se tlhaloganye. Gonne se ke batlang go se dira, ga ke se dire, se ke se ilang, ke sone se ke se dirang. 16 Mme fa ke dira se ke sa se batleng, ke dumalana le molao gore o siame. 17 Mme ga e sa tlhole ele nna ke dirang, ke boleo jo bo tshelang mo go nna. 18 Gonne ke a itse gore mo go nna, mo nameng yame, ga gona sepe se se molemo. Gonne ke na le keletso ya go dira molemo, mme ga ke e dire. 19 Gonne tse dintle tse ke batlang go di dira, ga ke di dire, mme bosula jo ke sa batleng go bo dira, ke bone ke bo dirang. 20 Jalo fa ke dira dilo tse ke sa batleng go di dira, ga se nna yo ke diraga, mme ke boleo jo bo mo go nna. 21 Ke bona maikaelelo a a mo go nna gore ke batla go dira se se molemo, mme bosula bo teng mo go nna. 22 Ke ipela mo molaong wa Modimo ka pelo yame yotlhe. 23 Mme ke bona maikaelelo a a pharologano mo go nna. Mme a lwantshanya le maikaelelo a masha mo tlhaloganyong yame. A ntsenya mo botshwarong jwa keletso ya boleo jo bo mo go nna. 24 Ke motho yo o latlhegileng, ke mang yo o tla nkgololang mo mmeleng yo wa leso? 25 Mme a go lebogwe Modimo ka Jeso Keresete Morena wa rona. Ke direla molao wa Modimo ka tlhaloganyo ya me. Le fa go ntse jalo ka nama yame ke dira maikaelelo a boleo.