Kgaolo 6

1 Jaanong re tla a reng? ''A re tswelele ka go dira boleo gore tshegofatso e oketsege?'' 2 A go seka ga nna jalo. Rona ba re suleng mo boleong, re ka tshela jang mo go bone? 3 A ga le itse gore botlhe ba ba kolobeditsweng mo go Keresete Jeso, ba kolobeditswe mo lesong la gagwe? 4 Re ne ra fitlhwa nae ka kolobetso mo lesong la gagwe. Mo go diragetse gore fela jaaka Keresete a tsogile mo baswing ka kgalalelo ya ga Rara, gore le rona re tle re tsamae mo botshelong jo bosha. 5 Ka re tshwaragane le ene mo tshwanong ya leso la gagwe, o tla re tsosa mo baswing le Ene. 6 Re a itse fa motho wa bogologolo a ne a bapolwa le ene, gore mmele wa boleo o senngwe. Mo go diragetse gore re seka ra nna makgoba a sebe. 7 Yo o suleng mo sebeng o kaiwa a le tshiamo. 8 Mme fa re sule le Keresete, re dumela gore re tla tshela le ene. 9 Re itse gore Keresete o ile a tsoga mo baswing, ga a sa tlhole a sule. Leso ga le sa tlhole le busa mo go ene. 10 Go ya ka leso le a le suleng mo boleong, ga a kitla a swa gape. Mme botshelo jo a bo tshelang, o bo tshelela Modimo. 11 Ka tsela yone e,le lona iponeng le sule mo sebeng, mme le tshelela Modimo mo go Keresete Jeso. 12 Se letlelele sebe go busa mo mebeleng ya lona gore le itetlelele go dira dikeletso tsa sone. 13 Se abele boleo dikarolo tsa mmele wa gago, go nna didirisiwa tse di dirisiwang mo tshiamololong. Mme tla yang fa pele ga Modimo, jaaka baswi ba jaanong ba tshelang. Mme le tsise dikarolo tsa mebele ya lona kwa Modimong jaaka didirisiwa tsa tshiamo. 14 Se letlelele sebe gore se go laole ka ga o ka fa tlase ga molao, mme ka fa tlase ga tshegofatso. 15 Jaanong la reng? a re leofe ka ga re ka fa tlase ga molao, mme re ka fa tlase ga tshegofatso? 16 A go seka ga nna jalo! A ga le itse gore yo le mo ineelelang go nna batlhanka ba gagwe ke ene yo le tla a mo obamelang? se ke boammaaruri, a le batlhanka ba sebe se se isang ko lesong, kana batlhanka ba kutlo e e isang tshiamong. 17 A go lebogwe Modimo. Ka le ne le le batlhanka ba boleo, mme le ile la obamela dithuto tse le di neetsweng go tsweng mo dipelong tsa lona. 18 Le golotswe mo sebeng, mme le dirilwe batlhanka ba tshiamo. 19 Ke bua jaaka motho ka ntlha ya bokoa ba setho sa lona. Fela jaaka le neetse dikarolo tsa mmele wa lona, go nna makgoba a boleo le bosula, ka tsela e tshwanang, neelang dikarolo tsa mmele wa lona go nna makgoba a tshiamo go ya kgololesegong. 20 E rile o le lekgoba la boleo, o ne o golelesegile mo tshiamong. 21 Ka nako eo, o ne o na le leungo lefe mo dilong tse o ditlhabelwang ke ditlhong? Maduo a dilo tseo ke leso. 22 Jaanong ka le golotswe mo boleong le makgoba a Modimo, le na leungo la tshiamiso. Maduo ke botshelo ka letlotlo. 23 Maduo a boleo ke leso, mme mpho ya Modimo ya mahala ke botshelo jo bo sa khutleng jo bo mo go Jeso Keresete Morena wa rona.