Kgaolo 5

1 Ka re siamisitswe ka tumelo, re nale kagiso le Modimo ka Morena Jeso Keresete. 2 Ka ene re na le tetla ka tumelo mo tshegofatsong e re emeng mo go yone. Re itumela ka botlhoka poifo jo modimo a re bo fileng mo bokamosong, botlhoka poifo jwa gore re tla nna bontlhabongwe mo kgalalelong ya Modimo. 3 Eseng fela se, re itumela le mo dipogisegong tsa rona. Re itse gore pogisego e tsisa boitshoko. 4 Boitshoko bo tsisa kamogelesego, kamogelesego e tsisa botlhoka poifo jwa bokamoso. 5 Botlhoka poifo ga bo swabise, gonne lorato la Modimo le tshololetswe mo dipelong tsa rona ka Mowa yo o Boitshepo, yo a re o neetseng. 6 Fa re ne re santse re le bokoa, ka nako e e tshwanetseng Keresete a swela baleofi. 7 Gonne ga go motlhofo gore mongwe o ka swela mosiami. Le gale, gongwe mongwe o ka mpa a swela motho yo o molemo. 8 Mme Modimo o supa lorato la gagwe mo go rona, ka gore e rile re santse re le baleofi, Keresete a re swela. 9 Godimo ga mo, ka re siamisitswe ka madi a gagwe, re tla a bolokwa ka one mo bogaleng jwa Modimo. 10 fa re santse re le baba, re ne ra letlanngwa le Modimo ka leso la Morwawe, go feta mo, morago ga go letlana nae, re tla bolokwa ka botshelo jwa gagwe. 11 E seng fela se, re itumela mo Modimong ka Jeso Keresete Morena wa rona, yo ka ene re boneng tetlanyo e. 12 Fela jaaka boleo bo tsene mo lefatsheng ka motho a le mongwe, ka tsela e, leso le tsene ka boleo. Mme leso la anama mo bathong botlhe, ka gore botlhe ba leofile. 13 Boleo bo sa le bo tsena mo lefatsheng pele molao o nna teng, mme ga gona gore mongwe a ka arabela boleo fa go sena molao. 14 Le fa gontse jalo, leso lene la busa go tsweng kwa go Atamo go ya ko go Moshe, le mo go ba ba sa leofang jaaka Atamo mo botlhokakutlong jwa gagwe, yo e leng setshwantsho sa yo o tlang. 15 Le fa go ntse jalo, mpho e ga e tshwane le boleo. Fa e le gore ka boleo jwa motho a le mongwe bontsi bo ile ba swa, go ntse fela jalo, batho ba le bantsi ba amogetse tshegofatso le mpho ya Modimo e e tswang mo mothong a le mongwe, ebong Jeso Keresete. 16 Gonne mpho ga e tshwane le maduo a moleofi. Ka mo letlhakoreng le lengwe, katlholo e tsile ka tlolo ya motho a le mongwe. Mo letlhakoreng le lengwe,mpho ya tshiamiso e tsile morago ga ditlolo di le dintsi. 17 Ka boleo jwa motho a le mongwe, leso le laotse ka ene, go tla a nna jalo mo go bao ba ba tla a amogelang letlotlo la tshegofatso le mpho ya tshiamo ya molao ka botshelo jwa ga Jeso Keresete. 18 Fela jaana batho ba ile ba atlholwa ka tlolo e le nngwe, batho ba siamisiwa ka tiro ya tshiamo e le nngwe. 19 Jaaka ka go tlhoka kutlo ga motho a le mongwe, bontsi ba batho ba ile ba dirwa baleofi, le ka kutlo ya motho a le mongwe ba tla a dirwa basiami. 20 Mme molao wa tla gore tlolo e ntsifale. Mme fa boleo bo ntsifala, tshegofatso le yone e ntsifala le go feta. 21 Mo go diragetse gore jaaka boleo bo ne bo laola mo lesong, tshegofatso le yone e tle e laole mo tshiamong ka botshelo jo bo sakhutleng ka Jeso Keresete Morena wa rona.