Kgaolo 4

1 Re ka re Aborehama rraarona mo nameng, o lemogile eng? 2 Gonne fa Aborehama a ne a siamisitswe ka ditiro tsa gagwe, go ne go ka nna le sengwe se a ka ipelafatsang ka sone, mme e seng fa pele ga Modimo. 3 Lekwalo la reng? "Aborehama o ne a dumela Modimo, mme a bonwa a le tshiamo fa pele ga Modimo." 4 Jaanong mo go yo o dirang, tuelo ya gagwe ga e kaiwe e le mpho, mme e kaiwa e le se se mo tshwanetseng. 5 Mme ene yo o sa direng mme a dumela mo go ene yo o siamisang baleofi, tumelo ya gagwe e kaiwa e le tshiamo. 6 Tafita le ene o bua ka tshegofatso e e mo mothong yo Modimo a mo kayang a le tshiamo e se ka lebaka la ditiro tsa gagwe. 7 O ne a bua a re, "Go sego batho ba ba itshwaretsweng ditlolo tsa bone le maleo a bone a bipilwe. 8 Go sego motho yo Morena a sa mo kaeng boleo." 9 Jaanong a se ke tshegofatso mo go ba ba rupileng fela kgotsa le mo go ba ba sa rupang? Gonne ra re, ''Aborehama o ne a bonwa a le tshiamo ka ntlha ya tumelo ya gagwe." 10 Jaanong, o e amogetse jang, a ise a rupe kgotsa a setse a rupile? O e amogetse a ise a rupe. 11 Aborehama o ne a amogela tshupo ya go rupa. Se e ne ele go kanelwa ga tshiamo ya gagwe e a e supileng pele ga a rupa. Maduo a se, ke go nna rraagwe botlhe ba ba dumelang, go akareditswe le ba ba sa rupang. Se se ne se rurifatsa gore le bone ba tlaa kaiwa tshiamo. 12 Se se ne se raya gore Aborehama a nna rraagwe batho botlhe, e seng ba ba rupileng fela, mme le bone ba ba tsamayang mo dikgatong tsa ga rraetsho Aborehama tsa tumelo pele ga a rupa. 13 Gonne e ne e se kafa molaong gore tsholofetso e e fiwe Aborehama le dikokomane tsa gagwe gore ba tla nna barua-lefatshe, e ne ya fiwa ka tshiamo e e tlang ka tumelo. 14 Fa ele gore boruaboswa ke ja ba ba leng mo molaong, tumelo e tla bo ele lefela, le tsholofetso e nna lolea. 15 Gonne molao o tsisa bogale, mme fa go senang molao ga go na tlolo molao. 16 Ka lebaka le, ke ka tumelo gore tsholofetso e tle e nne ka tshegofatso le gore e tlhomamisediwe dikokomane tsotlhe tsa ga Aborehama_ e seng ba ba ka fa tlase ga molao fela, mme le ba ba kopanetseng tumelo le Aborehama. Ke rraarona rotlhe, 17 jaaka go kwadilwe gotwe, ''Ke go dirile rra ditshabatshaba." Aborehama o ne a le fa pele ga yo a mo tshepileng, e leng Modimo, yo o neelang baswi botshelo a dira dilo tse di seyong di nne teng. 18 Le fa go ne go lebega go sa kgonege, Aborehama o ne a tshepa Modimo ka bokamoso jwa gagwe. Mme o ne a nna raditshabatshaba go yeng ka fa go builweng ka teng gotwe, ''Dikokomane tsa gago di tla nna jalo.'' 19 O ne a se bokoa mo tumelong. Aborehama o ne a tlhaloganya gore ga a ka ke a kgona go tshola ngwana (ka gore o ne a le dingwaga di ka nna lekgolo, _100). Gape o ne a amogetse gore popelo ya ga Sara ga e ka ke ya kgona go ima ngwana. 20 Mme ka ntlha ya tsholofetso ya Modimo, Aborehama ga a ka a belaela, boemong jwa moo, o ne a nonotshiwa mo tumelong mme a galaletsa Modimo. 21 O ne a dumela gore se Modimo a se solofeditseng, o kgona go se diragatsa. 22 Ka jalo le gone mo a go balelwa a le tshiamo. 23 Go ne go sa kwalelwa ene a le nosi, gore o ne a kaiwa tshiamo. 24 Go ne go kwalelwa le rona ba re tla amogelang tsholofetso, rona ba re dumelang mo go ene yo o tsositseng Morena wa rona Jeso mo baswing. 25 Yo ke ene yo o neng a swela ditlolo tsa rona a bo a tsosiwa gore re siamisiwe.