Kgaolo 3

1 Poelo ya go nna Mojuta ke eng? Le poelo ya go rupa ke eng? 2 Go go golo ka tsela tsotlhe. Lantlha mo dilong tse, Bajuta ba ne ba tshepiwa ka tshenolo go tswa kwa Modimong. 3 Fa e ne e le gore Bajuta ba bangwe ga ba na tumelo? A go tlhoka go dumela ga bone go ka latofatsa go ikanyega ga Modimo? 4 A go seka ga nna jalo. Mo boemong jwa mo, a Modimo a bonale a le boammaruri, le fa motho mongwe le mongwe a le maaka. Fela jaaka go kwadilwe, "Gore o supege o siame mo mafokong a gago, le gore o se direge sepe fa o atlholwa." 5 Mme fa ele gore tshiamololo ya rona e supa tshiamo ya Modimo, re tla reng? A re tla a re Modimo ga a a siama fa a re galefela? (Ke bua sa tlhaloganyo ya setho.) 6 A go see nne jalo! Gonne jaanong Modimo o ka atlhola lefatshe jang? 7 Mme fa e le gore maaka ame a dira gore boammaaruri jwa Modimo bo mo galaletse, ke eng ke santse ke atlholwa jaaka moleofi? 8 ke eng re sa re, jaana re buiwa maswe, le jaaka bangwe ba supa fa ba re ra re, "A re direng bosula gore bomolemo bo tle bo itshupe"? Katlholo ya Modimo mo go bone e ba siametse. 9 Ra reng jaanong? A re ntsha seipato? Nnyaa ga go a nna jalo. Gonne re setse re supile ka menwana bobedi jo, Bagerika le Bajuta ba dira boleo. 10 Fela jaaka go kwadilwe gatwe, " Ga gona lefa a le mongwe fela yo o siameng. 11 Ga gona ope yo o tlhaloganyang. Ga gona ope yo o batlang Modimo. 12 Botlhe ba tsere tsela e sele. Ga bana mosola botlhe. Ga gona yo o dirang molemo, le fa ele ale mongwe fela. 13 Memetso ya bone ke lebitla le le atlhameng. Maleme a bone atletse tsietso. Botlhole jwa noga bo tletse ka fa tlase ga maleme a bone. 14 Melomo ya bone e tletse bogalaka le phutso. 15 Ba itlhaganela go tsholola madi. 16 Ditsela tsa bone di tletse ka tshenyego le pogiso. 17 Batho ba ga ba itse tsela epe ya kagiso. 18 Ga gona poifo Modimo mo matlhong a bone." 19 Re itse gore se molao o se buang,o bua le botlhe ba ba ka fa tlase ga molao. Se se raya gore molomo mongwe le mongwe o didimale , lefatshe lotlhe le tle le ikarabele fa pele ga Modimo. 20 Mo ke ka gore ga gona motho ope yo o ka siamisiwang ka ditiro tsa molao fa pele ga gagwe. Molao o tsisitse kitso ya boleo. 21 Mme jaanong tshiamo ya Modimo e itsesitswe ntle le molao. Molao le Baporofiti ba supile ka ga se, 22 se e leng tshiamo ya Modimo e e tlang ka tumelo mo go Jeso Keresete mo go botlhe ba ba dumelang. Gonne ga gona pharologanyo. 23 Gonne botlhe ba leofile mme ba tlhaetse kgalalelo ya Modimo, 24 ba siamisitswe ka tshegofatso ya gagwe ka thekololo e e tswang mo go Keresete Jeso. 25 Gonne Modimo o ntshitse Keresete Jeso jaaka setlhabelo sa kagiso ka tumelo mo mading a gagwe. O ntshitse Keresete e le sesupo sa tshiamo ya gagwe ka gore o ikgatholositse maleo a rona a pele 26 ka bopelotelele jwa gagwe. Tse tsotlhe di diragetse go supa tshiamo ya gagwe mo nakong e. Mo e le go itshupa tshiamo, ebile a itshupa gore o siamisa botlhe ka ntlha ya tumelo mo go Jeso. 27 Jaanong maikgantsho a kae? A kgaphetswe ntle. Ka go reng? Ka ntlha ya ditiro? Nyaa, ka ntlha ya tumelo. 28 Ka jalo re wetsa re re motho o siamisiwa ka tumelo eseng ka go diragatsa molao. 29 Kgotsa Modimo ke Modimo wa Bajuta bale nosi? A ga se Modimo wa Baditshaba? Ee, ke wa Baditshaba le bone. 30 Fa ka boammaaruri Modimo a le mongwe fela, o tla a siamisa ba ba rupileng ka tumelo, le ba ba sa rupang le bone ka tumelo. 31 A jaanong re latola molao ka tumelo? A go se nne jalo! Boemong ja moo, re tshegetsa molao.