Kgaolo 2

1 Jalo he ga o na seipato, wena motho yo o atlholang, ka gore, se o atlholang ba bangwe ka sone o a bo o ikatlhola le wena.Ka gore lona ba le atlholang le dira jaaka bone. 2 Mme re a itse gore katlholo ya Modimo e boammaaruri mo go ba ba dirang dilo tseo. 3 Lebaleba se, wena motho yo o atlholang batho mme o dira jaaka bone. A o ka falola katlholo ya Modimo? 4 Kana o nyatsa mahumo a bomolemo jwa gagwe, le gore o bonya go otlhaya, le bopelotelele jwa gagwe? A ga o itse gore bomolemo jwa Modimo bo tshwanetse go go isa ko boikotlhaong? 5 Ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa lona tse di sa ikaeleleng go ikotlhaa,le ipeela bogale jwa Modimo ka letsatsi la bogale, le e leng letsatsi la tshenolo la katlholo ya Modimo e e siameng. 6 O tla duela motho mongwe le mongwe go ya ka fa ditirong tsa gagwe: 7 mo go ba o, ba ka tlhwaafalo le ditiro tse di molemo, ba ba batlileng pako, tlotla, le go sa boleng, o tla a ba neela botshelo jo bo sa khutleng. 8 Mme ba le itebang ka bo lona, ba le tlhokang kutlo mo boammaaruring mme le utlwa tshiamololo, bogale le tshakgalo di etla. 9 Modimo o tla tsisa dipogisego le ditlhokafatso mo moweng wa mongwe le mongwe yo o dirileng bosula, mo Bajuteng pele, le mo Bagerikeng. 10 Mme kgalaletso, tlotlo, le kagiso di tla a tla mo go yo o dirang molemo, mo Bajuteng pele, le mo Bagerikeng. 11 Modimo o tsaya mongwe le mongwe ka go lekana. 12 Mme jaaka ba bantsi ba ba leofileng kwa ntle ga molao ba tlaa nyelediwa go sena molao, le ba bantsi ba ba leofileng ka molao ba tlaa atlholwa ka molao. 13 Gonne ga se bautlwi ba molao ba ba boitshepo fa pele ga Modimo, mme ke badiragatsi ba molao ba ba tla amogelwang ke Modimo. 14 Fa baditshaba ba ba senang molao, ba dira ka tlholego dilo tsa molao, dilo tseo, ke molao mo go bone, le ntswa ba sena molao. 15 Mme ka se ba supa fa ditiro tse di batlwang ke molao di kwadilwe mo dipelong tsa bone. Letswalo la bone le a ba pakela, le dikakanyo tsa bone ga di ba bee molato le fa ele go ba sireletsa 16 le mo Modimong. Go tla diragala ka letsatsi le Modimo o tla atlholang diphiri tsa batho botlhe ka lone, go ya ka fa mafokong ame a a molemo mo go Jeso Keresete. 17 Fa ele gore o ipitsa Mojuta, o ikaegile ka molao, o ebile o ikgantsha mo Modimong, 18 o itse thato ya gagwe, ebile o amogela se se gaisang ka gore o laetswe go tswa mo molaong; 19 fa ele gore le tlhomamisa gore le bakaedi ba difofu, lesedi mo go ba ba mo lefifing, 20 mmaakanyi wa dieleele, morutuntshi wa bana, le gore mo molaong o na le mofuta wa kitso ya boammaaruri, jaanong se se ama jang ka fa o tshelang ka teng? 21 Lona ba ba rutang ba bangwe, a le a ithuta? Ba le rerang kgatlhanong le go utswa, a le a utswa? 22 Lona ba le reng ope a seka a dira boaka, a le dira boaka? Ba le reng ga le rate medimo ya disetwa, a le utswa mo ditempeleng? 23 Lona ba le ipelang ka boikgogomoso mo molaong, a le nyatsa Modimo ka ditlolo tsa lona tsa molao? 24 ' Gonne leina la Modimo ga le tlotlwe mo baditshabeng ka ntlha ya lona'', jaaka go kwadilwe. 25 Gonne thupiso e le ruri e le solegela molemo fa le utlwa molao, mme fa le roba molao, thupiso ya lona ga e nne yone. 26 Fa motho yo o sa rupang a diragatsa molao, a go sa rupa ga gagwe ga go ka ke ga tsewa e le thupiso? 27 A mme yo o sa rupang mo nameng ,mme a diraagatsa molao a ga a ka ke a le atlhola? Mo ke ka gore le na le dikwalo ebile le rupile lefa le roba molao. 28 Gonne ga se Mojuta yo e leng ene ka kwa ntle fela kgotsa yo o rupileng mo nameng fela. 29 Mme Mojuta ke yo e leng ene ka kwa teng, mme thupiso ke ya pelo, mo moweng, e seng mo mokwalong. Kgalaletso ya motho yo, ga e tswe mo bathong, e tswa mo Modimong.