Kgaolo 9

1 Jesu a tsena mo mokorong, a kgabaganya, a tsena mo toropong ya ga ga bo. 2 Bonang, ba lere kwa go ene monna yo o suleng mohama, a rapame mo moalong.Fa a bona tumelo ya bone a raya monna yo o suleng mohama a re,"morwa, kgothala.Dibe tsa gago di itshwaretswe." 3 Bonang, bangwe ba bakwadi ba raana ba re "Monna yo o tlhapatsa moya o o boitshepo". 4 Jeso a itse dikakanyo tsa bone a ba raya a re, "Ke eng le akantse bosula mo dipelong tsa lona? 5 Gonne ke eng se se botoka, go re dibe tsa ga go di itshwaretswe, kana go re "ema o tsamae? 6 Mme gore le itse gore morwa motho o na le taolo ya go itshwarela dibe mo lefatseng,..."a raya yo o suleng mohama a re "ema, tsaya moalo wa gago o ye ko tlung ya gago." 7 Foo monna a ema a ya ko tlung ya gagwe. 8 Fa bontsi bo bona se, ba gakgamala, ba galaletsa Modimo yo o neetseng batho taolo e e kalo. 9 Yare Jesu a feta foo a bona monna yo o bidiwang Mathaio yo o neng a ntse fa lefelong la bokgethisi.A mo raya a re "ntshala morago," A ema,a mo sala morago. 10 Fa Jeso a ntse a aja mo tlung , bakgethisi ba bantsi le baleofi ba tla go ja le Jesu le barutwa ba gagwe. 11 Fa bafarasai ba bona mo ba raya barutwa ba gagwe ba re, "Ke eng moruti wa lona a aja le bakgethisi le baleofi?" 12 Fa Jeso a utlwa mo a re, "Batho ba ba ba itekanetseng mo mmeleng ga ba tlhoke ngaka, fa ese ba ba lwalang. 13 Le tshwanetse go ya go ithuta go re se se raya eng, 'ke eletsa mautlwelobotlhoko e seng setlhabelo'.Gonne ga ke a tlela go bitsa basiami go ikotlhaya, fa ese baleofi." 14 Foo barutwa ba ga Johane ba tla kwa go ene ba re "Ke eng fa rona le bafarasai re tshela re itima dijo mme barutwa ba gago ba sa itime dijo?" 15 Jeso a ba raya a re,"A ba ba tlileng lenyalong ba ka hutsahala ba santse ba na le monyadi?" mme malatsi a etla a monyadi a tlaa tsewang mo go bone mme ke gone ba tlaa itimang dijo. 16 Ga go na motho yo o ka bayang sebata se sesha mo seaparong se segologolo, gonne sebata se tla kgagoga mo seaparong, mme go nne lekgasa le letona. 17 Le gone batho ga ba kake ba tshela mofine o mosha mo makukeng a magologolo.Fa ba dira jalo matlalo a ka kgagoga mme mofine o tshologe,mme makuka a senyege. Ba kampa ba tshela mofine o mosha mo makukeng a masha, mme tsoo pedi di bolokesege." 18 Yare Jeso a santse a bua dilo tse le bone, bonang, modiri a tla a mo ikobela, a re "Morwadiake o sa tswa go tlhokafala, mme fa o ka tla wa mmaya diatla, otla a a tshela." 19 Mme Jeso a ema a mo sala morago gammogo le barutwa ba gagwe. 20 Bonang, mosadi yo o saleng a dutla madi mo gogolo mo dingwageng tse di lesome le bobedi a tla a tshwara moja wa seaparo sa ga Jesu. 21 Gonne o ne a ipoleletse a re ,"Fa nka kgoma diaparo tsa gagwe ke tla fodisiwa." 22 Mme Jeso a gadima, a mmona, a moraya a re " Morwadi kgothala.Tumelo ya gago e go fodisitse." Mosadi a fodisiwa gone foo. 23 YareJeso a goroga mo tlung ya modiri, a bona baletsi ba diphala le bontsi jwa batho ba tsositse modumo. 24 A re, " tsamayang gonne mosetsana ga a swa o robetse." Mme ba mo tshega ka lesotlo. 25 Fa bontsi bo sena go ntshetswa ko ntle, a tsena mo ntlwaneng a mo tshwara ka letsogo, mme mosetsana a tsoga. 26 Dikgang ka ga se, tsa tuma mo kgaolong yotlhe. 27 Ya re Jeso a feta a tswa koo, banna ba babedi ba difofu ba mo sala morago.Ba nnela go goa ba re,"re utlwele botloko morwa Dafita!" 28 Fa Jeso a sena go tsena mo tlung, tsa tla kwa go ene. Jeso a ba raya a re " A le dumela gore ke ka dira se?"Tsaa mo raya ba re "Ee morena." 29 Foo Jeso a di raa ama mo matlhong a ba raya a re, "A go le diragalele jaaka le dumela." 30 Mme matlho a tsona a bulega.Jesu a ba laa ka tlhwaafalo a re," Le netefatse gore ope a seka a utlwa ka se." 31 Mme banna bao ba babedi tsamaya ba gasa mafoko ao mo kgaolong yotlhe. 32 Yare banna bao ba tsamaya, bonang ga tlisiwa kwa go Jeso monna wa semumu a tshwerwe ke letimone. 33 Fa letimone le sena go ntshiwa, monna a bua. Matshwititshwiti a gakgamala a re, "Se ga se ise se bonwe mo Iseraele." 34 Mme bafarasai ba re, " O koba matimone ka molaodi wa matimone." 35 Jeso a tsamaya mo metseng le ditoropo tsotlhe. A tswelela a ruta mo disinagogeng tsa bone, a rera mafoko a a molemo a bogosi jwa legodimo, a fodisa mefuta yotlhe ya malwetsi le makoa. 36 Fa a bona matshwititshwiti, a ba tlhomogela pelo ka ba ne ba tshwenyegile ba bile ba kgobegile marapo. Ba tshwana le dinku tse di senang modisa. 37 A raya barutwa ba gagwe a re, "Thobo e ntsi mme barobi ba ba botlana. 38 Jalo he, rapelang morena wa thobo thata gore a romelele barobi mo thobong ya gagwe."