Kgaolo 10

1 Jeso a bitsa barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi, a ba neela taolo go lelekela ntle mewa e e maswe, le go fodisa makowa le malwetse otlhe. 2 Maina a baaposetolo ba ba lesome le bobedi kea. Lantlha ke Simone, yo a bitswang Petere, le Antereya morwa rraagwe; Jakoba morwa Sebetia le Johane morwa rragwe; 3 Philipo le Bathelomeo; Tomase le Mathaeo wa mokgethisi; Jakoba morwa Alefiase le Thadiase; 4 le Simone wa Selote, le Jutase wa Sekariota yo o tla mo rekisang. 5 Jeso a roma ba ba lesome le bobedi, a ba laela a re, " Le seka la ya kwa motseng ope wa baditshaba, le fa e le kwa go wa Basamareya. 6 Mme yang kwa dinkung tse di timetseng tsa Iseraele. 7 Fa le tsamaya, rerang le re, 'Bogosi jwa Modimo bo atametse'. 8 Fodisang balwetse, tsosang baswi, ntlafatsang balepero, le lelekele matimona ntle. Le amogetse mahala, neelang mahala. 9 Le seka la tsaya Gauta le fa e le Selefera mo dikgwama tsa lona. 10 Leseka la tsaya dikgwama tsa lona tsa madi mo loetong le, le fa e le seaparo se sengwe kgotsa ditlhako, kgotsa seikokotelo, ka gore modiri o tshwanetse a ja maduo a tiro ya gagwe. 11 Toropo kgotsa Motse ope yo le tsenang mo go one, batlang yo o tshwanetseng, mme le nne nae go fitlhela le tsamaya. 12 Fa le tsena mo ntlong dumedisang. 13 Fa ntlo e le ye e tshwanetseng, a kagiso ya lona e sale nayo. Mme fa e se ye e tshwanetseng, a kagiso ya lona e boele kwa go lona. 14 Ka ba ba sa le tsholeng kgotsa ba sa le reetse, fa le tswa mo ntlong kgotsa mo motseng oo, tlhotlhorang lerole mo dinaong tsa lona. 15 Ke le bolelela boammaruri, gore ka letsatsi la katlholo, Sodoma le Gomora e tla a bo e le botoka mo toropong yeo. 16 Bonang, ke le roma jaaka dinku mo gare ga diphiri, nnang botlhale jaaka dinoga, bokgwafo jaaka maphoi. 17 Elang tlhoko batho, ba tla le isa dikgotla tshekelong, ebile ba tla le kgwathisa mo disinagogeng tsa bone. 18 Gape le tla isiwa fa pele ga babusi le dikgosi e le tshupo mo go bone le mo baditshabeng. 19 Fa ba lo isa, le seka la tshwenyega gore le tla bua jang, kgotsa le bua eng gonne le tla neelwa se le tla se buang ka nako eo. 20 Ga se lona le tla buang, mme mowa wa ga Rara o tla bua mo go lona. 21 Motho o tla isa morwa rragwe go bolawa, rrangwana ngwana wa gagwe. Bana ba tla tsogologela batsadi ba bone mme ba ba ise go bolawa. 22 Le tla ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina lame. Mme yo o itshokang go ya bokhutlong, o tla bolokwa. 23 Fa ba le bogisa mo motseng mongwe, tshabelang kwa go yo mongwe, gonne ke le bolelela boammaruri, ga le kitla le tshabela mo metseng yotlhe ya Iseraele pele morwa motho a tla. 24 Morutwana ga a mogolo mo moruting wa gagwe, le gone motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe. 25 Go lekane gore morutwana a tshwane le moruti wa gagwe, le motlhanka le mong wa gagwe. Fa ba biditse mong wa ntlo Belesebube, a na ba tla tlhapatsa ntlo ya gagwe go le kae? 26 Ke gone se ba boifeng, gonne ga gona sepe se se fitlhegileng se se senang go senolwa, kgotsa sepe se se sephiri se se senang go itsege. 27 Se ke se buang le lona mo lefifing, se bueng motshegare. Se ke se sebang, se keuletseng mo ditlhoweng tsa matlo. 28 Se boifeng ba ba bolayang mmele mme ba sa kake ba bolaya mowa. Bogolo, boifang ene yo o nonofileng go bolaya mowa le mmele kwa diheleng. 29 A dinonyane tse pedi ga di rekisiwe ka papetlananyana fela? Mme ga go epe ya tsone e e welang fa fatshe Rara a sa itse. 30 Le moriri wa gago o badilwe otlhe. 31 Le seka la boifa, le tlhwatlhwa kgolo bogolo go dinonyane. 32 Ke gone yo o mpolelang fa pele ga batho le nna ke tla mmolela fa pele ga ga rara yo akwa legodimong. 33 Mme yo o intatolang fa pele ga batho, ke tla mo itatola fa pele ga ga Rara yo o kwa legodimong. 34 Le seka la akanya gore ke tsisitse kagiso mo lefatsheng, ga ke a tsisa kagiso, ke tsisitsa tshaka. 35 Ke tsile go dira gore monna a tsogologele rragwe, le morwadi a tsogolegele mmaagwe, ngwetsi a tsogologele matsalaagwe. 36 Baba ba gago e tla nna ba ga eno. 37 Yo o ratang mmagwe le rragwe go mpheta ga a nonofela go ntshala morago. Le yo o ratang morwa le morwadie go mpheta ga a nonofela go ntshala morago. 38 Yo o sa tseyeng sefapaano sa gagwe a ntshala moragao, ga nonofela go ntshala morago. 39 Yo o bolokang botshelo jwa gagwe bo tla a mo latlhgela. Mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha yame o tla bolokesega. 40 Yo o le amogelang o a nkamogela, mme yo o nkamogelang o amogela le ene yo o nthomileng. 41 Yo o amogelang moporofiti ka gore ke moporofiti o tla amogela tuelo ya moporofiti. Le yo o amogelang mosiami ka gobo e le mosiami, o tla amogela tuelo ya mosiame. 42 Ope yo o fang mongwe wa ba babotlana ba ka gore ke morutwa wame, le fa e ka bo e le metsinyana a tsididi fela, ke a le bolelela ga a kake a tlhoka go duelwa.