Kgaolo 11

1 Ga diragala yare Jeso Keresete a sena go fetsa go kaela barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi, a tswa foo go ya go ruta abo a rera ko metsing ya bone. 2 Jaanong fa Johane a utlwa ale ko kgolegelong ka ditro tsa ga Jeso Keresete, a romela molaetsa ka barutwa ba gagwe 3 a mo raya are; " ake wena yoo tlang kana re solofele mongwe o sele? 4 Jeso Keresete a araba aba raya are; tsamayang le ye go bolelela Johane ka se le se bonang le se le se utlwang. 5 Difofu dia bona, digole di a tsamaya,baleperwa ba a fola le bosusu ba a utlwa gape, baswi ba tsosediwa botshelong,ba ba tlhokang ba bolelelwa dikgang tse di molemo. 6 Go sego yoo sa boneng tiragalo epe ee kgopisang ka nna. 7 E rile borre ba ba sena go tsamaya, Jeso a simolola go bua le batho ka ga Johane are; "le ne le ile go bona eng mo sekakeng, letlhaka le tshikhinngwa ke phefo? 8 mme gone le ne le ile go bona eng-motho a apere diaparo tsa letsela le le boleta? Ruri, ba ba aparang diaparo tse di boleta ba nna o matlong a segosi? 9 Mme tota le ne le ile go bona eng, moporofeti? Ee, ke le raa kere, le go fetisa moporofeti. 10 Yo ke ene yo go kwadilweng ka ga ene gotwe; "Bonang ke romela morongwa mo matlhong a lona, yoo tla le baakanyetsang tsela fa pele ga lona". 11 Ka nnete ke le raa kere, mo go botlhe ba ba tshotsweng ke mosadi ga gona yoo fetang Johane wa mokolobetsi ka bogolo. Le fa gone mme motho yoo seng botlhokwa thata ko legodimong ale mogolo go mo feta. 12 Go tswa ka nako ya ga Johane wa mokolobetsi go fitlha gompieno,bogosi jwa legodimo bo bogisiwa ka dikgoka, ba ba dikgoka ba bo tsaya ka kgoka. 13 Gonne baporofiti le ba molao wa ga Moshe ba ntse ba porofita go fitlha ka Johane wa mokolobetsi, 14 le fa le eletsa go e amogela,yo ke Elija, ene yo o neng a tshwanetse go tla. 15 Yo o nang le ditsebe tsa go utlwa aa reetse. 16 Ke ka tshwantshanya kokomane e le eng? E tshwana le bana ba tshamekela ko marekisetsong,ba nna fa fatshe ba bitsana 17 ba re; re le tshameketse phala mme ga le a bina, re ne re hutsafetse mme ga le a lela. 18 Ka gore Johane ga a a tla a a ja borotho kana aa nwa mofine, ba bo ba re, "o na le letimona". 19 Morwa motho ene o tla a a ja, a a nwa abo bare, "bona motho yoo jang sengwe le sengwe yo wa letagwa, tsala ya bakgethisi le baleofi, mme kana botlhale bo itshupa ka ditiro. 20 Jaanong Jeso Keresete a simolola go kgalemela ditoropo tse bontsi jwa ditiro tsa gagwe tse di molemo di diragaletseng teng, ka gore ba ne ba sa ikotlhae. 21 "Le latlhegile jang Korasini, le latlhegile jang Batheseita, fa ditiro tse di molemo tse di dirilweng mo go lona di ka bo di dirilwe ko Taero le ko Sitone, ba kabo ba ikotlhaile bogologolo ka nako ya mebeto le melora ya leiso. 22 Mme go tlaabo go amogelesega mo go ba Taero le Sitone ka nako ya katlholo gona le mo go lona. 23 Lona Kaperename, le akanaya gore le tlaa tsholelediwa go ya ko legodimong? Nnyaa le tlile go isiwa diheleng. Gonne fa gone go dirilwe ko Sotoma ditiro tse dikgolo tse di dirilweng mo go lona, go ka bo go ntse go itsege le gompieno. 24 Mme ke le raya kere go tlaabo gole motlhofo mo lefatsheng la Sotoma ka katlholo go na le mo go lona. 25 27 Ka nako eo Jeso Keresete are; " Ke a go galaletsa, rraetsho, Morena wa legodimo le lefatshe, gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba rutegileng dilo tse, mme wa di senolela ba ba sa rutegang ,jaaka bana ba ba nnyennyane. 26 Ee rraetsho wa legodimo, gonne go ne go kgatlha wena leitlho, Dilo tse tsotlhe ntate o ntshepile ka tsone. Gape ga gona yoo itseng morwa fa ese rara, ebile ga go ope yoo itseng rara fa ese morwa, le ope fela yo morwa a eletsang go mo mo senolela. 28 Tlaang kwa go nna, lotlhe ba le berekang le rwele merwalo e e bokete mme ke tlaa le fa boikhutso. 29 Sikarang jokwe yame, mme le ithute mo go nna, gonne ke bonolo ebile ke boingotlo mo pelong, jalo le tlaa bonela mewa ya lona boikhutso, 30 ka gore joko yame e motlhofo le morwalo wame ga o bokete.