Kgaolo 12

1 Ka nako yeo, Jeso a ralala masimo a mabele ka letsatsi la Sabata. Barutwa ba gagwe ba ne ba tshwerwe ke tlala mme ba roba diako tsa mabele ba aja. 2 Mme fa Bafarasai ba bona se se diragalang, ba botsa Jeso ba re, "Bona gore barutwa ba gago ba dira se se sa letlelelweng ka letsatsi la Sabata". 3 Mme Jeso a ba raya a re, "A ga le ise le bale gore Tafita o ne a dira eng fa a tshwerwe ke tlala le banna ba ba neng ba na nae?" 4 Ka fa a tseneng ka teng mo ntlong ya modimo mme a ja borotho ba setlhabelo, bo bo neng bosa letlelelwe gore a ka boja, go sa letlelelwe le banna ba ba neng ba na nae, go letlelelwa baperesiti fela. 5 Le gone a ga le ise le bale mo molaong gore, Baperesite ba ne ba leswafatsa tempele ka letsatsi la Sabata mme ga ba a bonwa molato? 6 Mme ke le raya ke re, yo o fetang tempele o fa. 7 Fa le ne le itsile gore mo go raya eng, 'Ke eletsa boutlwelo botlhoko eseng setlhabelo', le ka bo le sa kaya molato ba ba senang molato. 8 Gonne morwa motho ke morena wa Sabata". 9 Mme Jeso a tloga go tswa foo a ya kwa Sinagogeng tsa bona. 10 Mme ga bo go le monna mongwe yo o neng a omeletse letsogo. Bafarasai ba botsa Jeso ba re, "A go siame go fodisa ka Letsatsi la Sabata?", e le gore ba tle ba mo pateletse gore o leofisa. 11 Jeso a ba araba a re, "Ke mang monna mo go lona, yo e ka reng a na le nku e le nngwe fela, ya re e wetse mo mosimeng ka letsatsi la Sabata a seke a otlolole letsogo a e ntshe?" 12 Mme a motho ga a tlhwatlhwa kgolo bogolo go nku? Jalo he, go ka fa molaong go dira molemo ka letsatsi la Sabata". 13 Jeso a raya monna a re, "otlolola letsogo la gago, ale otlolola, mme la bo le itekanetse fela jaaka le lengwe. 14 Mme Bafarasai ba tswela kwa ntle go mo logela leano". Ba ne ba batla gore ba ka mmolaya jang. 15 E rile Jeso a lemoga se, a tswa mo lefelong leo, mme bontsi ba batho ba mo sala morago mme a ba fodisa botlhe fela. 16 A ba laola gore ba seka ba itsisi batho ka ga gagwe. 17 Mo e ne e le gore go rurifadiwe se se builweng ke moporofiti Esaeya a re, 18 Bonang motlhanka wa me, yo ke mo kgethileng; moratwa wa me, yo mowa wa me o ipelang thata mo go ene. Ke tla goromeletsa mowa wa me mo go ene, mme o tla bolelela Baditshaba ka katlholo. 19 Ga a kitla a nganga, kgotsa a lelela kwa godimo; ga gona yo o tla utlwang lentswe la gagwe mo mekgwatheng. 20 Ga a kitla a roba le fa e le lotlhakanyana le le bokowa; le fa e le go tima mogala wa lebone yo o kuwang mosi. Go fitlhela a romela katlholo phenyong, 21 mme Baditshaba ba tla ikanya leina la gagwe. 22 Ga tsisiwa kwa go Jeso mongwe yo o neng a na le letimona, a le sefofu gape a le semumu. Mme a mo fodisa, a bona a bo a buwa. 23 Batho botlhe ba gakgamala ba re, "A monna yo, a e ka nna morwa Tafita?" 24 Mme ya re fa Bafarasai ba utlwa ka ga motlholo o, ba re, "Monna yo, o kobela ntle matimona ka Belesebube, kgosi ya matimona". 25 Mme Jeso ka a ne a itse megopolo ya bone, a ba raya a re, "Bogosi bope jo bo kgaoganeng ga bo kake ba tswelela; le gone ntlo kgotsa motse yo o kgaoganeng ga o kake wa tlhomama. 26 Fa Saatane, a lelekela Saatane ntle, o tla a bo a kgaogane. Bogosi jwa gagwe bo ka tlhomama jang? 27 Fa ke lelekela ntle matimona ka Belesebube,ba latedi ba lona bone ba a koba ka eng? Ka ntlha ya mo, ba tla nna baatlhodi ba lona. 28 Mme fa ke lelekela matimona ntle ka mowa wa modimo, bogosi jwa modimo bo tsile mo go lona. 29 Mme motho o ka tsena jang mo ntlong ya monna yo o thata a utswa dithoto tsa gagwe, a sa mmofa pele? Mme ke gone amo utswele. 30 Yo o senang le nna o kgatlhanong le nna, mme yo o sa kgobokanyeng le nna o a phatlalatsa. 31 Ke ya le bolelela, batho ba tla itshwarelwa boleo le go tlhapatsa leina la modimo, mme go tlhapatsa mowa gone ga go kake ga itshwarelwa. 32 Le ope yo o buwang lefoko kgatlhanong le morwa motho, o tla itshwarelwa. Mme ope yo o buwang lefoko kgatlhanong le Mowa, ga a kake a itshwarelwa mo lefatsheng le, le fa e le mo go le le tlang. 33 Ke gone dira setlhare molemo,le leungo la sone letla nna molemo, kgotsa se dire bosula le leungo la sone bosula, gonne setlhare se itsiwe ka maungo a sone. 34 Lesika ke lona la dinoga, le le bosula, le ka buwa dilo tse di molemo jang? Molomo o buwa se se tswang mo pelong. 35 Mme monna yo o molemo, go tswa mo pelong ye e molemo o buwa bomolemo, mme monna yo o bosula, go tswa mo pelong ye e bosula o ntsha se se bosula. 36 Mme ke ya le bolelela, ka letsatsi la katlholo motho mongwe le mongwe o tla arabela lefoko lengwe le lengwe le le bosula le a le buileng. 37 O ka siamisiwa ka mafoko a gago, e bile ka mafoko a gago o ka bonwa molato. 38 Mme Bakwadi le Bafarasai bangwe ba araba Jeso ba re, "Moruti, re eletsa go bona sesupo sengwe go tswa mo go wena". 39 Mme Jeso a ba araba a re, "Kokomane ye e bosula ya diaka e kopa sesupo. Mme ga gona sesupo sepe se ba tla se bonang fa e se sa ga moporofiti Jona. 40 Jaaka Jona a ne a nna matsatsi a le mararo le masigo a le mararo mo mpeng ya Leruwaruwa, morwa motho le ene o tla nna malatsi le masigo a le mararo mo lebitleng. 41 Banna ba Ninife ba tla ema le kokomane ya batho ba mo katlholong mme ba tla a ba bona molato. Mme ba ne ba ikotlhaya ka thero ya ga Jona, mme bonang, yo mogolo mo go Jona o fa. 42 Mohumagadi wa Borwa o tla emelelana le banna ba kokomane ye mo katlholong mme o tla e kaya molato. O ne a tswa kwa bokhutlong jwa lefatshe go tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone, mme bonang, yo mogolo mo go Solomone o fa. 43 Fa mowa o o maswe o sena go tswa mo mothong, o ya kwa dikakeng, o senka bonno mme ga o bo bone. 44 Mme o re, ke tla a boela kwa ntlong ya me, kwa ke neng ke tswa teng. Fa o bowa, o tla fitlhela ntlo e feetswe, e haphilwe sentle. 45 Mme o tla tsamaya o ya go tsaya mewa e supa ye e bosula bogolo go one, mme e tla tla go nna mo go yone. Mme kwa bofelong o tla a bo a bihile go feta jaaka ane a ntse pele. Go tla nna fela jalo ka kokomane ye e bosula e. 46 Mme ya re Jeso a santse a buwa le batho mafoko a, bonang, mmagwe le bo morwa-rragwe batla ba ema kwa ntle, ba batla go bua nae. 47 Mmme mongwe a mo raya a re, "Bona, mmago le bo morwa-rrago ba eme kwa ntle, ba batla go bua nao". 48 Mme Jeso a araba a raya yo o neng a mmolelela a re, "Mme ke mang? Bo morwa rre ke bo mang? 49 Mme a otlololela letshogo la gagwe kwa barutweng ba gagwe a re, mme le bo morwa rre ke ba. 50 Gonne ope yo o dirang go rata ga Rara yo o kwa legodimong,yoo ke ene morwa-rre, kgaitsadiake le mme".