Kgaolo 8

1 Fa Jeso a sena go gologela kwa tlase ga lentswe matshwititshwiti a mo sala morago. 2 Bonang molepero a tla kwa go ene a khubama fa pele ga gagwe a mo raya a re "Morena fa o rata, o ka mphepafatsa", 3 Jeso a otlolola letsogo la gagwe a mo ama a re "ke a eletsa, phepafadiwa". ka ponyo ya leitlho a fodisiwa lepero. 4 Jeso a mo ra ya a re, "Tlhomamisa go re ga o bolelele motho ope. Tsamaya o ye go iponafatsa fa pele ga moperesita, o ntshe dimpho go yeng ka fa Moshe a laotseng ka teng, e le bopaki go bone. 5 Fa Jeso a sena go tsena mo Kaperename, molaodi wa sesole a tla kwa go ene a mo kopa 6 a re, " Morena, motlhanka wame o rapaletse mo ntlong, o sule mhama, o mo botlhokong. 7 Jeso a mo ra ya a re "ke tla a tla go mo fodisa". 8 Molaodi wa sesole a re, "Morena ga ke a tshwanela gore o ka tsena ka fa tlase ga borulelo bame, bua lefoko fela motlhanka wame o tla fola". 9 Gonne le nna ke ka fa tlase a taolo, ke na le masole ka fa tlase game. Ke ra ya yo mongwe ke re, "Tsamaya," mme a tsamaye, mme go yo mongwe ke re "Tlaya" a tle, go mothanka wame ke re, "Dira se," a dire jalo. 10 Fa Jeso a utlwa se , a hakgamala a ra ya ba ba mosetseng morago a re, "Ke a le bolelela boammaruri ka re, ga ke ise ke bone ope yo o nang le tumelo e tshwanang le ye mo Iseraele". 11 ke a le bolelela, bontsi bo tla tla botswa bothaba le bophirima mme ba tla nna fa fatshe mo tafoleng le Aberehama, Isake le Jakobe mo bogosing jwa legodimo. 12 Mme barwa ba bogosi ba tla latlhelwa mo lefifing kwa go tla nnang le selelo le khuranyo ya meno. 13 Jeso a ra ya molaodi wa sesole a re, "Tsamaya,"A go go dirafalela ka fa o dumelang ka teng," mme motlhanka a fodisiwa ka yone nako eo. 14 Fa Jeso a sena go goroga mo ntlong ya ga Petoro, a fitlhela matsalaagwe Petoro a bolawa ke letshoroma. 15 Jeso a ama letsogo la gagwe, mme letshoroma la mo tlogela a emelela a simolola go mo direla. 16 Mo maitseboeng batho ba tlisa ba ba laolwang ke matimona kwa go Jeso. A kgoromeletsa mewa kwa ntle ka lefoko a ba a fodisa le ba ba lwalang. 17 Ga dirafala se se boilweng ke moporofita Esaeya, a re, " Ene ka bo ene o tsere makowa a rona a rwala maletswe a rona". 18 Ya re fa Jeso a bona batho ba le bantsi ba mo dikaganyeditse, a ntsha taolo ya gore ba kgabaganyetse kwa moseja wa lewatle la Galaleya. 19 ke fa mokwadi wa molao a tla kwa go ene a mo ra ya a re, "Moruti ke tla go sala morago gonwe le gongwe kwa o yang teng" 20 Jeso a mo ra ya a re, "Bo phokojwe ba na le mesima, dinonyane tsa lewapi di na le dintlhaga, mme morwa motho ga a na fa a ka ba yang thogo teng". 21 Yo mongwe wa barutwa a mo ra ya a re, "Morena ntetlelela ke ye go boloka rre pele". 22 Mme Jeso a mo fetola a re, "Ntshala morago o tlogela baswi ba boloke baswi ba bone". 23 Fa Jeso a sena go tsena mo mokorong , barutwana ba gagwe ba mo mo sala morago ba tsena mo go one. 24 Ga tsoga matsubutsubu a diphefo tse dikgolo mo lewatleng, mo mokoro o neng wa khurumetswa ke makhubu, mme Jeso a bo a robetse. 25 Barutana ba tla kwa go ene ba mo tsosa ba re, "Morena re boloke re tloga re swa!. 26 Jeso a ba fetola a re, "Ke eng le tshogile lona ba ba tumelo potlana"? Foo a emelelela a kgalemela phefo le lewate.Ga nna le tshisibalo e kgolo. 27 Banna ba gakgamala ba re, "Monna yo o ntse jang, yo diphefo le mawate di mo utlwang"? 28 Fa Jeso a sena go goroga kwa letlhakoring le lengwe mo lefatsheng la Gatarene a kgatlhantshiwa ke banna ba babedi ba ba laolwang ke matimona. Ba ne ba tswa mo diphuphung ba le dikgoka, mo go neng go sena motho yo o tsamayang ka dinao yo o ka fetang foo. 29 Bonang ba lelela kwa godimo ba re, "Re dirang ka wena morwa Modimo"? A o tsile kwano gore tlhokofatsa pele ga nako e e beilweng? 30 Ga bo go le serapa sa dikolobe di ja, gautshwane le bone. 31 Matimone a tswelela ka go kopa Jeso a re, " Fa o re kgoromeletsa ntle re kgoromeletse mo serapeng sa dikolobe". 32 Jeso a a ra ya a re, "Tsamayang". Matimone a tswela kwa ntle a tsena mo dikolobeng. Mme bonang serapa sa dikolobe sotlhe sa kgokologa le lentswe sa tsena mo lewateng sa a swa. 33 Banna ba ba neng ba disitse dikolobe ba sia. Fa ba goroga kwa toropong ba bolela ka sengwe le sengwe bogolo jang ka banna ba ba neng ba laolwa ke matimone. 34 Bonnang toropo yotlhe ya tla go kopana le Jeso. Fa ba mmona ba mo kopa gore a tswe mo nageng ya bone.