Kgaolo 7

1 O seka wa atlhola, mme otla seke o atlholwe. 2 Gonne ka selekanyo seo atlholang ka sone otla atlholwa. Leka selekanyo seo lekanyang ka sone, otla lekanyediwa. 3 Mme jaanong ke eng o leba selabe sese mo leitlhong la mokaulengwe wa gago, mme osa bone phatsa ee mo leitlhong la gago?. 4 Oka raa mokaulengwe wa gago jang ore, " ntle ke ntshe selabe sese mo leitlhong la gago", mme ona le phatsa mo leitlhong la gago? 5 Moitimokanye! ke wena, lantlha ntsha phatsa emo leitlhong la gago, mme jaanong otla kgona go bona sentle gore o ntshe selabe sese mo leitlhong la mokaulengwe wa gago. 6 O seka wa fa di ntsa sese itshepileng, ebile o seka wa latlhela matlapa a gago aa tlhwatlhwa kgolo fa pele gadi kolobe tsa naga, eseng jalo ditla aa gataka ka dinao, tsa boa le wena tsago kgaola ditoki toki. 7 Kopa mme otla fiwa, batla mme otla bona. Kokota, mme otla bulelwa. 8 Gonne yo a kopang oa fiwa. Mme yo a senkang oa bona. Le motho yo a kokotang, otla bulelwa. 9 Kana gona le mongwe mo gare ga lona, o ereng fa morwawe aka mo kopa borotho, aka mofang letlapa? 10 Kana amo kopa tlhapi aka mofa noga? 11 Lefa go ntsejalo, fa ele gore lona bale bosula le itse gofa bana ba lona dimpho tsedi molemo, rraalona yo o kwa legodimong o ka neela gole kae bao ba ba mo kopang? 12 Mme jalo dilo tseo batlang batho ba di go direla, le wena o tshwanetse wa di ba direla, gonne seo kese se rutiwang ke molao le baporofiti. 13 Tsena ka kgoro ee tshesane, gonne kgoro ee bulegileng le tsela ee bulegileng di isa tatlhegong, mme gona le batho bale bantsi ba ba e tsayang. 14 Gona le kgoro ee tshesane le tsela ee tshesane tsedi isang ko botshelong, mme bale potlana bae bona. 15 Elang tlhoko baporofiting ba maaka, ba ba tlang kwa go lona ba le mo letlalong la dinku mme e le diphiri tse di gagolakang. 16 Letla ba itse ka ditiro tsa bone, a batho ba hula moretlwa mo setlhareng sa mitlwa kana mofeige mo setlhatshaneng sese mitlwa? 17 ka tsela ee ntseng jalo, setlhare sengwe le sengwe se se siameng se ntsha maungo a a siameng, le sese sa siamang se ntsha maungo a a sa siamang. 18 Setlhare se se molemo gase ka ke sa ntsha leungo le le bosula, le setlhare se se sa siamang ga se ka ke sa ntsha leungo le le siameng. 19 Sethare sengwe le sengwe se se sa ntsheng leungo le le siameng sea kgaolwa se latlhelwe mo molelong. 20 Mme jalo, le tla ba lemoga ka maungo a bone. 21 Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re Morena, Morena o tla tsenang ka bogosi jwa legodimo, ga e se o pe fela oo dirang go rata ga ga rara yo o kwa legodimong. 22 Ka letsatsi leo, bontsi jwa batho batla nthaa bare, 'Morena Morena, a re ne re sa porofiti mo leineng la gago, re koba matimone ka leina la gago, re dira ditiro tse dintsi tse dikgolo ka leina la gago?'. 23 Mme ke tla ba bolelela phatlalatsa gore, 'ga ke ise ke ko ke le itse, tswayang fa go nna, badira bosula ke lona'. 24 Jalohe, mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ame, abo aa obamela otla tshwana le monna yoo botlhale yo o agileng ntlo ya gagwe mo letlapeng. 25 Pula yana, merwalela yatla, diphefo tsa tsubutla tsa itaaganya ntlo, mme ya seka yawa ka gore e agilwe mo letlapeng. 26 Mongwe le mongwe yoo o utlwang mafoko ame abo asa a obamele otla tshwana le monna wa seeleele yo a agang ntlo ya gagwe mo motlhabeng. 27 Pula yana, merwalela yatla, diphefo tsa tsubutla tsa itaaganya ntlo, mme yawa ya senyega". 28 Ga diragala jalo yare Jeso a sena go bua mafoko ao, matshwititswiti a makalela thuto ya gagwe, 29 gonne one a ba rutile jaaka ene yo o nang le taolo eseng jaaka baruti jwa molao.