Kgaolo 6

1 Ela tlhoko fa o dira ditiro tse di molemo,o se dire gore batho ba itse ba tle ba go bone, eseng jalo ga le kitla le duelwa ke rraalona yoo kwa legodimong, 2 fela jalo fa le tlisa dineo ,le seka la tsamaya le letsa torompeta mo mekgwatlheng le mo disinagogeng jaaka baitemokanyi ba dira gore ba galalediwe ke batho, boammaaruri ke gore, ba setse ba amoagetse tuelo ya bone. 3 Mme fa o tlisa dineo,se letle gore lebogo la gago la molema le itse se la moja le se dirang, 4 gore mpho ya gago e neelwe mo sephiring, jalo rraetsho yoo kwa legodimong o tlaa le duela. 5 Le fa le rapela, se nneng jaaka baitemokanyi,ka ba rata go ema ba rapela mo di sinagogeng le mo makopanong a ditsela gore ba tle ba bonwe ke batho,ke le rurifaletsa gore ba setse ba amogetse tuelo ya bone. 6 Mme lona, fa lo rapela tsena mo ntlwaneng, tswala lobati, le bo le rapela rraetsho yoo mo sephiring.Jalo rraetsho yoo bonang ale mo sephiring o tlaa go duela. 7 gape fa le rapela,le seka la boelela mafoko mo go sa tlhokafaleng jaaka badichaba, ka gore ba akanyana gore ba tlaa utlwiwa ka go bua thata. 8 Jalo le seka la tshwana le bone,ka gore rraetsho yoo kwa legodimong o itse tse le di tlhokang le pele ga le di kopa. 9 Jalo rapelang jaana; "Rraaetsho yoo mo legodimong, a leina la gago le itshepisiwe, 10 a bogosi jwa gago bo tle, a thato ya gago e dirwe mo lefatsheng jaaka e ntse mo legodimong. 11 Re neele sejo sa letsatsi la gompieno. 12 Re itshwarele dikoloto tsa rona jaana re itshwaretse baba re kolotang, 13 gape o seka wa re tlisa mo thaelong, mme ore golole mo go yoo bosula,: gonne bogosi ke jwa gago,le thata le kgalelo, ka bosakhutleng,Amen. 14 Gonne fa le itshwarela batho melato ya bone, rraetsho yoo kwa legodimong o tlaa le itshwarela, 15 mme fa le sa ba itshwarele melato ya bone, le rraetsho ga a kake a le itshwarela melato ya lona. 16 Mo godimo ga moo, fa le itima dijo le seka la tlhonya difatlhego jaaka baitemokanyi ba dira, ka gore ba itlhontsha difatlhego gore batho ba lemoge gore ba itimile dijo,ka boammaaruri ka re, ba setse ba bone tuelo ya bone, 17 mme lona fa le itimile dijo,tlhapang difatlhego le bo le itshasa ditlhogo, 18 gore le seka la bonala mo bathong fa le itimile dijo fa ese rraetsho yoo bonang a le mo sephiring.Jalo rraetsho yoo bonang diphiri tse di fitlhegileng o tlaa le duela. 19 Le seka la ipeela dikhumo mo lefatsheng, ko motoutwane le rusi di senyang teng,le ko magodu ba thubang ba bo ba utswa teng, 20 Mo boemong jwa seo, ipeeleng dikhumo ko legodimong ko motoutwane le rusi di ka sekeng tsa senya teng, le ko magodu aka sekeng a thuba a utswa teng 21 ka gore kwa khumo ya gago e teng le pelo ya gago e tlaa nna teng. 22 Leitlho ke lebone la mmele,gonne fa leitlho le siame mmele otlhe o tlala ka lesedi, 23 mme fa leitlho la gago le sa siama, mmele wa gago otlhe o tlala lefifi. Jalo fa lesedi lele mo go wena ele tota e le lefifi, lefifi leo le legolo jang! 24 Ga gona yoo ka direlang barena ba babedi, ka gore o ka nna a ila yo mongwe mme a rate yo mongwe, kana a tlhomama mo go yo mongwe abo a nyatsa yo mongwe. Ga o kake wa direla Modimo le khumo. 25 Jalo kele raya kere, se tshwenyegeng ka botshelo jwa lona, gore le tlaa ja eng kana le tlaa nwa eng, kana ka mmele ya lona gore le tlaa apara eng? A ga se gore botshelo bo botlhokwa go feta dijo le gore mmele o botlhokwa go feta diaparo? 26 Lebelela dinonyane mo loaping, ga di jwale, ga di robe le fa e le go kgobokanyetsa mo disigong, mme rraalona wa legodimo o di fa dijo.A ga le botlhokwa gona le tsone? 27 Ke mang wa lona ka go tlhoka thata aka oketsang botshelo jwa gagwe ka ntlhanyana? 28 Mme ke eng le tshwenyega thata ka diaparo? Akanya ka fa dithunya di golang ka teng mo masimong,ga di bereke, gape ga di roke diaparo. 29 mme ke le raa kere, le ene Solomon tota yoo neng ana le kgalalelo e kgolo o ne a sa apesiwe jaaka tsone. 30 Fa Modimo a apesa tlhaga mo masimong, e e tshelang gompieno ere ka moso e letlhalwe mo pitseng, o ka palelwa jang ke go le apesa,lona ba tumelo e potlana? 31 Jalo he! se tshwenyege le bo lere re tlaa ja eng?, kana re tlaa nwa eng?, kana re tlaa apara eng? 32 Gonne badichaba ba batla dilo tse, mme rraetsho wa legodimo o itse gore le a di tlhoka 33 .Mme batla pele bogosi jwa legodimo le tshiamo ya gagwe mme dilo tse tsotlhe o tlaa di neelwa. 34 Jalo he ,se tshwenyege ka kamoso gonne ka moso ona le matshwenyego a one. letsatsi lengwe le lengwe le na le bosula jo bo le lekanyeng.