Kgaolo 5

1 E rile Jeso a bona batho ba le bantsi, a pagamela kwa godimo ga thaba.Fa a sena go nna fa fatshe barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene 2 a bula molomo ba ruta a re, 3 "Go sego ba ba humanegileng mo moweng, ka gore bogosi jwa legodimo ke jwa bone, 4 go sego ba ba lelang ka gore ba tla a gomodiwa. 5 Go sego ba ba bonolo, gonne ba tla rua lefatshe. 6 Go sego ba ba tshwarelwang ke tlala le lenyora go dira tshiamo ka gore ba tla kgorisiwa. 7 Go sego ba ba kutlwelobotlhoko ka gore ba tla utlwelwa botlhoko. 8 Go sego ba ba itshepileng mo pelong ka gore ba tla bona modimo. 9 Go sego ba ba dirang kagiso ka gore ba tla a bitswa barwa modimo. 10 Go sego ba ba sotlilweng ka ntlha ya tshiamo ka gore bogosi jwa legodimo ke jwa bone. 11 O sego fa batho ba go tlhapatsa, ba go bogisa kgotsa ba go bua leswe, ba go pateletsa, ka ntlha yame. 12 Ipeleng le bo le itumele thata, ka gore tuelo ya gago e kgolo kwa legodimong. Ba bogisitse baporofiti ba ba tshidileng pele ga lona ka mokgwa o o ntseng jalo. 13 Le letswai la lefatshe. Mme fa letswai le latlhegetswe ke tatso, le ka lokwa ka eng? Ga le sa tlhole le na le mosola ope fa e se go latlhelwa kwa ntle, le go gatakwa ke batho ka dinao fela. 14 Le lesedi la lefatshe, motse yo o mo godimo ga thaba ga o kake wa fitlhega. 15 Le gone batho ga ba nke ba tshuba lebone ba bo ba le baya ka fa tlase ga tlatlana, mme ba le baya fa godimo ga setlhomo sa lebone gore le bonesetse batho botlhe. 16 A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho botlhe gore ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba boke Rraeno yo o kwa legodimong. 17 Le seka la akanya gore ke tsile go senya molao le baporofiti. Ga ke a tlela go ba senya, mme go ba rurifatsa. 18 Ke le bolelela boammaruri gore go fitlhela legodimo le lefatshe di feta, ga gona tlhaka epe ya molao e e tla fetang, go fitlhela molao o diragadiwa otlhe. 19 Jalo he, yo o robang molaonyana kgotsa a ruta ba bangwe go dira jalo o tla bitswa yo mmotlana mo bogosing jwa modimo. Mme ope yo o o diragatsang a bo a o ruta, o tla nna mogolo mo bogosing jwa legodimo. 20 Ka gore ke le raya kere, fa tshiamo ya lona e sa fete tshiamo ya bakwadi le bafarasai, ga le kake la bona bogosi ba legodimo ka gope. 21 Le utlwile gore ka nako ya bogologolo ba ne ba tewa gotwe "O seka bolaya", le gore, yo o bolayang o tla atlholwa. 22 Mme ke le raya kere, yo o tenegelelang morwa rragwe, o tla atlholwa.Yo o rayang morwa rragwe a re "Ga o na mosola", o tla sekisiwa. Le yo o reng, "Seso ke wena", o tla latlhelwa mo molelong wa dihele. 23 Mme fa o ntsha mpho ya gago fa aletareng mme o bo o gakologelwa gore morwa rrago o na le sengwe kgatlhanong le wena, 24 tlogela mpho ya gago fa pele ga aletara o tsamaye o ye go letlana le morwa rrago pele, ke gone o itse go tla go ntsha mpho ya gago. 25 Dumalana le mopateletsi wa gago ka bonako le santse le ya lekgotleng, eseng jalo mopatiki wa gago o ka go neela moatlhodi, moatlhodi o ka go neela modiri, mme o ka nna wa latlhelwa mo kgologelong. 26 Ke go bolelela boammaruri, ga o kitla o tswa go fitlhela o duela sekoloto sa gago sotlhe. 27 O utlwile gore go ne gotwe, 'O seka wa dira boaka'. 28 Mme ka re, ope yo o lebang mosadi ka leitlho la keletso o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe. 29 Le fa e le gore leitlho la gago la moja le dira gore o kgopiwe, le gonye o le latlhe, gonne go botoka mo go wena gore karolo ya mmele wa gago e senngwe go na le gore mmele wa gago otlhe o latlhelwe mo diheleng. 30 Le fa e le gore letsogo la gago la moja le dira gore o kgopiwe, le kgaole o le latlhe. Go botoka mo go wena gore karolo ya mmele wa gago e senngwe gona le gore mmele otlhe o ye diheleng. 31 Go bile gape gatwe, 'Yo o kobang mosadi wa gagwe,a a mo neele setlankana sa tlhalo'. 32 Mme kare, yo o tlhalang mosadi wa gagwe e se ka ntlha ya boaka, o mo dira seaka. Le yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng o dira boaka. 33 Gape,le utlwile gore bogologolo go ne gotwe, 'O seka wa ikanela maaka, mme o diragatse maikano a gago mo moreneng'. 34 Mme nna ka re, o seka wa ikana gotlhelele, le fa e le ka legodimo, ka gore ke setilo sa bogosi sa modimo, 35 kgotsa ka lefatshe ka gore ke bobeo jwa dinao tsa gagwe, le fa e le ka Jerusalema ka gore ke toropo ya kgosi e kgolo. 36 Legone o seka wa ikana ka tlhogo ya gago, ka gore ga o kake wa dira le fa e le thiri ya gago tshweu kgotsa ntsho. 37 Mme a puo ya gago e nne ee, kgotsa nnya, sepe kwa ntle ga se, se tswa kwa go yo o bosula. 38 Le utlwile gore gatwe, 'Leitlho ka leitlho' le leino ka leino. 39 Mme ke lo raya kere, se gananeng le yo o bosula, mme fa mongwe a go itaya mo letlhaeng la moja, mo neela le la molema . 40 Le gone, fa mongwe a go sekisa a batla go go tseela seaparo, mo neele le kojwana. 41 Mme fa mongwe a go patika go mmoledisa khilomethara e le nngwefela, mmoledise dikhilomithara tse pedi. 42 Abela mongwe le mongwe yo o go kopang, ebile o seka wa huralela ope yo adimang mo go wena. 43 Le utlwile gotwe, 'O tla a rata moagisanyi wa gago o ile mmaba wa gago'. 44 Mme ka re, rata mmaba wa gago o rapelele ba ba go sotlang, 45 gore le nne bo morwa rraeno yo o kwa legodimomg. Gonne o tlhabisetsa ba ba bosula le ba ba molemo letsatsi ebile o nesetsa basiami le basiamolodi pula. 46 Fa o rata ba ba go ratang, o boelwa ke eng? A bakgethisi le bone ga ba dire jalo? 47 Legone fa o dumedisa bagaeno fela o gaisa mang ka tshiamo? A le baditshaba le bone ga ba dire jalo? 48 Ke gone le tlhoke molato jaaka rraeno yo o kwa legodimomg a sena molato.