Kgaolo 4

1 Jesu a gogelwa ke moya o o boitshepo ko sekakeng go raelwa ke mmaba. 2 Yare a sena go itima dijo malatsi a a masome mane le masigo a tshwarwa ke tlala. 3 Moraedi atla mme mo raya are "Fa ole morwa Modimo laola mantswe a go fetoga senkgwe, " 4 mme ene a mo fetola are ''Go kwadilwe gatwe motho ga a kake a tshela ka senkgwe se le nosi fa ese ka lefoko lengwe le lengwe le le boitshepo le le tswang mo molomong wa Modimo." 5 Jaanong mmaba a mo isa mo toropo e e boitshepo a mo pega ko godimo ga kago ya tempele mme amo raa are 6 ''Fa ole morwa Modimo, itatlhele ko tlase gonne go kwadilwe gatwe otla a laola baengele ba gagwe go go babalela, ba tla a go tsholetsa ka diatla tsa bone gore lenao la gago le seka la thula letlapa. 7 Jesu amoraa are '' go kwadilwe gape gatwe o seka wa leka morena Modimo wa gago. 8 Mmaba amo tseela gape ko lefelong le le kwa godimo, a mo supegetsa magosi otlhe a lefatshe le bontle jwa one, 9 a moraa are,'' ke tlaa go fa dilo tse tsotlhe fa o ka khubama wa nkobamela. 10 Jaanong Jesu amo raa are ''tloga fa go nna saatane! gonne go kwadilwe gatwe o tla obamela Modimo wa gago, o ba o direla ene a le nosi, 11 mme mmaba a mo tlogela a tsamaya, jaanong bonang baengele ba tla ba mo direla. 12 Jaanong fa Jesu a utlwa fa Johane wa mokolobetsi a tshwerwe, a tswa ka tidimalo a ya mo Galalea. 13 A tswa mo Nnasaretha a ya go nna mo Kaperename o o fa letshitshing la lewatle la Galalea mo mafelong a ga Sebulone le Nafothale. 14 Se se ne se diragala go rurifatsa se se builweng ke moporofiti Esaea 15 ''Lefatshe la ga Sebulone le la ga Nafothale, go ya kwa lewatleng, go feta noka ya Jorotane,Galalea wa merafe e sele. 16 Batho ba ba neng ba le mo lefifing ba bone lesedi le legolo, ba ba neng ba le mo lefelong la moriti wa leso , ba phatsimetswe ke lesedi. 17 Go tswaa nako eo Jesu a simolola go rera are; ''ikotlhaeng, gonne bogosi jwa legomodimo bo atametse'' 18 Yare a tsamaya fa lotshitshing la lewatle la Galalea ,a bona barwa ba motho ba babedi,Simone yo o bidiwang Petere le Anterea morwa rraagwe ba latlhela letloa mo lewatleng, ka ene ele batshwari ba ditlhapi. 19 Jesu a ba raa are; ''tlang, ntshale morago ke tla lo dira batshwari ba batho. 20 Ka bonako ba tlogela matloa ba mo sala morago. 21 Yare Jesu Keresete a tswelela pele, a bona barwa ba bangwe ba babedi, Jakoba morwa Sebetia le morwa rraagwe Johane wa moaposetole. Ba ne ba le mo mokorong ba na le Sebetia rraabo ba baakanya matloa. A ba bitsa, 22 mme ka bofefo, ba tlogela mokoro le rraabo ba mo sala morago. 23 a tsamaya gotlhe mo Galalea, a ruta mo disinagogeng tsa bone, a rera mafoko a a molemo a bogosi jwa legodimo , a fodisa mehuta yotlhe ya malwetse le makoa mo bathong. 24 Dikgang ka ga gagwe tsa tuma mo Siria otlhe, mme batho ba tlisa kwa go ene botlhe ba lwalang, makoa le ditlhabi ka mefuta yotlhe, ba ba tshwerweng ke matimona, baleebana,le ba ba suleng mehama.Jesu a ba fodisa. 25 Matshititshwiti a mo sala morago go tswa mo Galalea, Batikapolisi, Jerusalema, Jutia le go ya mo teng ga Joretane.