Kgaolo 3

1 Mo malatsing ao ga tla Johane wa mokolobetsi a rera mo sekakeng sa Jutia a re 2 sokologang gonne bogosi jwa legodimo bo atlametse, 3 Gonne yo ke ene yo moporofita Esaea a boletseng ka ga ene a re ke lentswe le le goeletsang mo sekakeng le re, baakanyang ditsela tsa Morena, tlhamalatsang mmila ya gagwe. 4 Jalo Johane a bo a apara dilwana tsa bobowa jwa kammela le lebantle la letlalo mo dinokeng tsa gagwe. Dijo tsa gagwe ya bo e le tsie le dinotshi. 5 Go tsweng Jerusalema,Jutia le mafelo a dikaganyeditseng noka ya Jorotane ba tla kwa go ene. 6 O ne a ba kolobetsa mo nokeng ya Jorotane jaaka ba ne ba ipolela maleo a bone. 7 Ya re a bona bontsi jwa Bafarasai le Basedukae ba tla kwa go ene go kolobediwa a ba ra ya a re "lona ba losika la dinoga lo tlhagisitswe ke mang go tshaba bogale jo bo tlang? 8 Nnang le maungo a supang boikotlhao". 9 Lo seka la re "re na le rraarona e bong Aberehama" gonne ke le ra ya ke re Modimo o kgona go tsosolosa maje go nna bana ba ga Aberehama. 10 Selepe se setse se beilwe kgatlhano le medi ya setlhare. Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng se a kgaolwa se latlhelwe mo molelong. 11 Ke le kolobetsa ka metsi go isa ikotlhaong, mme yo a tlang o mogolo gona le nna mo le ditlhako tsa gagwe ke sa tshwanelang go di tshola, o tla le kolobetsa ka mowa o Boitshepho le molelo. 12 Mo letsogo la gagwe o tshotse haraka go phepafatsa fa a photlhelang gone le go tlisa korong mo mabolokelong.mme o tla tshuba moroko ka molelo o ka se kang wa tingwa. 13 Jalo Jeso a tla a tswa kwa Galalea go ya go kolobediwa ke Johane ko nokeng ya Jorotane, 14 Mme Johane a leka go mo kganela a re "ke tshwanetswe ka kolobetswa ke wena, jaanong o tla kwa go nna?" 15 Jeso a mo ra ya a re " letlelela, go tshwanetse gore re diragatse tshiamo yotlhe". Johane a mo letlelela. 16 Morago ga kolobetso, Jeso a tswa mo metsing, bonnang magodimo a mmulegela. A bona Mowa wa Modimo o fologela mo go ene jaaka leeba. 17 Lentswe la tswa le re "yo ke morwa wa mme yo ke itumelang ka ga ene".