Kgaolo 2

1 Morago ga go tsholwa ga ga Jeso mo bethelehema wa Jutia ka malatsi aga kgosi Herote, banna ba ba rutegi go tswa botlhaba ba goroga mo Jerusalema ba re, 2 "0 kae kgosi ya Bajuta yo o tshotsweng? Re bone naledi e supa ka gagagwe go tswa botlhaba mme retlile go mo obamela". 3 Yare kgosi Herote a utlwa kase, a tshwenyega thata ga mmogo le Jerusalema. 4 Herote a phutha baperesiti bagolo ga mmogo le baruti ba molao, aba botswa are, "o ya go tsholelwa kae keresete?" 5 Ba mo raa ba re "Kwa Bethelehema wa Jutia, gonne se ke se se kwadilweng ke moporofiti a re, 6 "wena Betelehema mo Juta ga o mmotlana mo baeteledi pele ba Juta gonne mo go wena go tla tswa mmusi yo a tlaa disang batho bame ba Iseraele". 7 Jalo Herote a biletsa mo sephiring banna baba rutegileng goba botsa gore naledi e bonetse nako mang. 8 A ba romela kwa Betelehema a re, "tsamayang le ye go batla lesea. Ga le mmone le tle go mpolelela, gore ketle go mo obamela". 9 Morago gago utlwa kgosi ba tswelela ka mosepele wa bone, mme naledi e ba neng bae bone kwa botlhaba yaba etelela pele go fitlha e ema fa ngwana a leng gone. 10 Fa ba bona naledi, ba ipela ka boitumelo jo bogolo. 11 Ba tsena mo ntlong mme ba bona lesea lena le mmaagwe e bong Marea, ba obama go mo obamela. Ba bula matlotlo a bone gomo abela dimpho tsa gouta, farakase le more. 12 Modimo a ba tlhagisa mo torong gore ba seka ba boela kogo Herote, mme ba boela kwa lefatsheng la bone ka tsela e sele. 13 Fa ba sena go tsamaya, moengele wa Morena a itshupa ka toro mo go Josefa, a re "tsoga, tsaya lesea le mmaagwe o siele ko Egepeto go fitlela ke bua le wena, gonne Herote otla batla go bolaa lesea". 14 Bosigo joo Josefa a tsoga a tsaa lesea le mmaagwe baya Egepeto. 15 A nna teng go fitlhela leso laga Herote, se sa rurifatsa sese builweng ke Morena ka moporofiti, "gotswa mo Egepeto ke biditse morwaake". 16 Yare Herote a lemoga fa a sotlilwe ke banna ba ba rutegileng, a tlala ka bogale. A laola gore go bolawe bana botlhe ba basimane ba ba dingwaga tse pedi go ya ko tlase mo Betelehema le mafelo aa mo kgaolong eo go ya ka nako ea etsereng mo banneng baba rutegileng 17 Mme ga diragala sese builweng ke moperofiti Jeremea a re, 18 "Lentswe la utlwala mo Rama, selelo se segolo le kutlo botlhoko, Ragele a lelela bana ba gagwe ebile a gana kgomotso ka a latlhegetswe" 19 Ya re Herote a sena go swa, bonang moengele wa morena a iponagaletsa Josefa mo torong a le kwa Egepeto a re, 20 "tsoga o tsee losea le mmaagwe o ye lefatsheng la Iseraele, gonne ba ba neng ba senka go bolaya lesea ba sule". 21 Josefa a tsoga a tsaa ngwana le mmaagwe atla mo lefatsheng la Iseraele. 22 Mme yare a utlwa gore Achilase o busa mo mo Jutea mo setilong sa ga rraagwe e leng Herote, a tshoga go ya teng. Morago ga Modimo a sena go mo tlhagisa mo torong, a tswa a ya kgaolong ya Galalea 23 a feta a nna mo toropong ya Nasaretha. Seo sa rurifatsa se se builweng ke baporofita ba re "o tla bitswa Monnasaretha"