Kgaolo 9

1 Jaanong le kgolagano ya pele e ne e na le ditsamaiso tsa kobamelo le lefelo le le boitshepo la selefatshe . 2 Ka motlaagana o ne wa baakanngwa. Ntlwana e mo go yone go neng go na le setlhomo sa lebone , tafole, le borotho, e ne e bidiwa lefelo la boitshepo. 3 Ka fa morago ga sesiro go ne go na le ntlwana e nngwe e bidiwa lefelo le le boitshepo ga boitshepo. 4 E ne e na le aletara ya gauta ya dinkgisa-monate. Gape e ne e na le letlole la kgolagano, e apesitswe ka gauta. Mo teng go ne go na le sejana sa gauta se tshotse mana, thobane ya ga Arone e e ileng ya tlhoga,le matlapana a kgolagano. 5 Mo godimo ga letlole la kgolagano , dicheruba tse di galalelang di ne di okame sethibo sa letlole, se re ka se keng ra bua ka sone ka botlalo. 6 Fa dilo tse di sena go baakanngwa, baperesiti ba ne ba tsena mo ntlwaneng e e kwa ntle ya motlaagana go dira ditiro tsa bone. 7 Mme moperesiti mogolo ke ene fela a neng a tsena mo ntlwaneng ya bobedi gangwe fela mo ngwageng a tshotse madi, a a neng a a iketshetsa le batho, e le a maleo a e seng a kabomo. 8 Moya o o boitshepo o ne wa supa gore tsela ya go tsena mo lefelong le le boitshepo ja boitshepo, e ne e sa supiwa, fa motlaagana wa pele o santse o le teng. 9 Se e ne ele tlhaloso ya nako eno. Dineo le ditlhabelo tse di ntshiwang gadi kgone go siamisa segakolodi sa moobamedi. 10 Ba kgathala fela ka ga dijo le dino le ka mefuta ya mediro wa go itlhapisa ga go ya ka fa tumeding ya bone. Tse tsotlhe e ne e le ditsamaiso tsa senama tse dineng di beilwe go fitlhelela tsamaiso e ntsha e dirwa. 11 Keresete o tsile e le moperesiti yo mogolo wa dilo tse dintle tse di tsileng. O raletse motlaagana o mogolo o o siameng o o neng o sa dirwa ka diatla tsa batho, yo o seng wa lefatshe le le dirilweng le. 12 Ga a tsena ka madi a dipudi , le dinamane , mme o tsene ka madi a gagwe mo lefelong le le boitshepo ja boitshepo, a tsenela botlhe mme a re rekolola ka bosakhutleng. 13 Gonne fa madi a dipodi le dipoo , le go kgatsha molora wa moroba mo go ba ba itshekologileng, go ba tsisa gautshwane le Modimo ka go ntlafadiwa nama ya bone, 14 madi a aga Keresete yo ka Moya o o boitshepo a ikitshitseng setlhabelo se se senang bogole , go tlhapisa letswalo la rona mo ditirong tse di suleng gore re kgone go direla Modimo yo o tshelang, a tla re ntlafatsa bogolo jang? 15 Ke ka moo a leng motshereganyi mo kgolaganong e ntsha. Ka lebaka le,le ka go bo leso lengwe le nnile teng go golola ba ba kafa tlase ga kgolagano ya ntlha mo maleong a bone, ba ba biditsweng ba tla amogela tsholofetso ya boswa jo bo sa feleng . 16 Gonne fa go nang le mokwalo wa kabo ya boswa, leso la yo o o dirileng le tshwanetse go rurufadiwa. 17 Gonne mokwalo wa kabo ya boswa o diragadiwa fela fa yo o kwadileng a sule, fa a santse a tshela ga o na thata epe. 18 Tota le kgolagano ya ntlha ga e a simololwa kwa ntle ga madi. 19 Gonne fa Moshe a sena go neela batho botlhe taolo mo molaong, o ne a tsaya madi a dipodi le dinamane,metsi le leloba le lehibidu,sethunya se se nkgisang monate a kgatsha lekwalo le batho botlhe. 20 O ne a re, "Se ke madi a kgolagano e modimo a le e laoletseng". 21 Ka mokgwa o o tshwanang, o ne a kgatsha madi mo motlaaganeng le dijana tsotlhe tse di neng di dirisiwa mo tirelong . 22 Go ya ka molao , dilo ka bontsi di tlhapisiwa ka madi. kontle ga tshololo ya madi ,ga gona boitshwarelo. 23 Jalo he, go ne go tlhokafala gore meriti ya dilo tse di kwa legodimong di tshwanetse go ntlafadiwa ka madi a ditlhabelo tsa diphologolo. Lefa gontse jalo, dilo tsa legodimo tsone di ne di tshwanelwa ke go tlhapisiwa ka ditlhabelo tse di botoka . 24 Keresete ga a tsena mo lefelong le le boitshepo ja boitshepo le le dirilweng ka diatla, se e leng moriti fela wa dilo tsa nnete. Mo boemong jwa seo,a tsene mo legodimong la nnete, gore jaanong a re emele fa pele ga Modimo. 25 Ga a a ya koo gore a intshe setlhabelo gantsi, jaaka moperesiti yo mogolo yo o neng a tsena mo lefelong la boitshepo ja boitshepo ngwaga le ngwaga ka madi a yo mongwe . 26 Fa go ne go ntse jalo, o ne a ka tshwanelwa ke go boga gantsi go tswa kwa motheong wa lefatshe. Mme jaanong ke gangwe fela kwa bofelong jwa metlha, e e kailweng gore a nyeletse sebe ka go intsha setlhabelo. 27 Mongwe le mogwe o laoletswe go swa gangwe fela mme morago go tla katlholo. 28 Ka mokgwa o o tshwanang, Keresete le ene, yo o neng a ntshiwa gangwe fela go phimola maleo a ba le bantsi, o tla a bonala la bobedi a sa tlele sebe , mme a tlela kgololo ya bao ba ba mo letileng ka bopelotelele.