Kgaolo 10

1 Gonne molao ke moriti fela wa dilo tse di molemo tse di tlang, eseng tsone dilo tseo tota . Bao ba ba atamelang Modimo ga ba kitla ba dirwa boitekanelo ke ditlhabelo tse baperesiti ba di isang ngwaga le ngwaga. 2 Fa go ne go ntse jalo, a ditlhabelo tseo di kabo di sa bolo go emisiwa? Ka jalo, fa ba ne ba ntlafaditswe gangwe fela go feletse, baobamedi ba ne ba ka seka ba ba tlhola ba gakologela boleo. 3 Ka ditlhabelo tseo go na le kgakologelo ya maleo ngwaga le ngwaga. 4 Ka go bo go sa kgonege gore madi a dipholo le dipodi a ka phimola maleo. 5 Fa Keresete a tla mo lefatsheng o ne a re, ¨E ne e se ditlhabelo le meneelo tse o di eletsang. Le fa go ntse jalo, ke mmele o ke o baakanyeditsweng. 6 Ga o itumelele meneelo e e fisiwang le ditlhabelo tsa boleo. 7 Foo ke ne ka re, ''Bona, ke fano, jaaka go kwadilwe ka game mo lekwalong, go dira thato ya gago.'' 8 La ntlha o rile, ''E ne e se ka ditlhabelo kana meneelo kgotsa ditlhabelo tsedi fisitsweng kgotsa meneelo ya maleo tse le di ikgethetseng. Ga o a ka wa di itumelela. Tse ke ditlhabelo tse di neelwang go ya ka molao. 9 A re,'' Bona, ke fano go dira thato ya gago. ''A tlosa tsamaiso ya ntlha go tlhomamisa ya bobedi. 10 Ka thato eo, re itshepisitswe ka moneelo wa mmele wa ga Jeso Keresete gangwe fela. 11 Le fa go ntse jalo, moperesiti mongwe le mongwe one a ema letsatsi le letsatsi go direla Modimo. O ne a nna a neela ditlhabelo mme di ka seke tsa tlosa maleo. 12 Ka jalo, Keresete o ne a neela setlhabelo sa maleo gangwe ka bosakhutleng, a nna mo letsogong le legolo la Modimo. 13 O eme go fitlhela baba ba gagwe ba dirwa setilo sa dinao tsa gagwe. 14 Gonne ka moneelo o le mongwe o dirile boitekanelo botlhe ba ba itshepisitsweng go ya bosakhutleng. 15 Moya o o boitshepo le one o a re pakela. La ntlha wa re, 16 ''Mo ke kgolagano e ke tla a e dirang le bone morago ga malatsi ao, go bua Morena. Ke tla a baya melao yame mo dipelong tsa bone, gape ke tla a e kwala mo ditlhaloganyong tsa bone. 17 Mme maleo a bone le maikepo a bone ga nkitla ke di gakologelwa.'' 18 Mme jaanong kwa boitshwarelo jwa tsone boleng teng, gago tlhole go na le setlhabelo ka ntlha ya boleo. 19 Jaanong, bakaulengwe, re na le botlhokapoifo go tsena mo lefelong lele boitshepo ja boitshepo ka madi a Jeso. 20 E o ke tsela e ntsha ya go tshela e a re buletseng sesiro ka yone, ke gore, ka nama ya gagwe. 21 Ka gore re na le moperesiti yo mogolo mo ntlong ya Modimo, 22 a re tseneng ka dipelo tse di boammaaruri ka botlalo jwa tlhomamiso ya tumelo, re na le dipelo tsedi tlhatswitsweng mo letswalong le le bosula mebele ya rona e tlhatswitswe ka metsi a a itshekileng. 23 A re tshwareng ka thata boipolelo jwa tsholofelo ya rona, ntle le go reketla, ka gore Modimo yo o re solofeditseng, o boikanyego. 24 A re lebeleleng ka fa re ka kgothatsanyang ka teng mo leratong le ditiro tse molemo. 25 A re seka ra emisa go kopana jaaka ba bangwe ba dirile. Ka jalo, a re kgothatsaneng kgapetsakgapetsa, jaaka re bona letsatsi le atamela. 26 Gonne fa re ka tswelela re leofa kabomo morago ga go amogela kitso ya boammaaruri, setlhabelo se se ntshediwang maleo ga se tlhole se le teng. 27 Boemong ja moo, go na le tsholofelo e e boifisang ya katlholo, le bogale jwa molelo o o tla a nyeletsang baba ba Modimo. 28 Ope yo o ganang molao wa ga Moshe o swa ntle le mautlwelobotlhoko ka bosupi jwa batho ba le babedi kgotsa bararo. 29 O akanya gore katlholo e ka nna bokete go le kae mo go ene yo o gatang Morwa Modimo ka dinao, yo o tshwarang madi a kgolagano jaaka ekete ga a boitshepo, madi a ka one a ntlafaditsweng, mme a tlhapatsa Moya wa tshegofatso? 30 Gonne re itse yo o rileng, ''Ipusolosetso ke yame; ke tlaa busolosa.'' Gape, ''Modimo o tla a atlhola batho ba gagwe.'' 31 Ke selo se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo yo o tshelang! 32 Mme gakologelwang matsatsi a a fetileng, fa le sena go sedimosediwa, ka fa le neng la itshokela go kgaratlha mo go golo mo pogisegong . 33 Le ne la jewa setshego fa gare ga batho ka matlhapa le tlhokofatso, mme le ne le kopanetse se le ba ba raletseng pogisego eo. 34 Le ne la tlhomogela pelo ba ba neng ba le magolegwa la ba la amogela go tseelwa dithoto ka boitumelo. Le ne le itse fa le na le dithoto tse di botoka tse di sa khutleng. 35 Jaanong se latlheng botlhoka poifo jwa lona, jo bo nang le tuelo e kgolo. 36 le tlhoka bopelotelele, gore le tle le amogele se Modimo a se solofeditseng, morago fa le sena go dira thato ya gagwe. 37 ''Gonne ka bonako, ene yo o tlaa tlang, o tla tla mme ga a nke a diega. 38 Mosiami wame o tla a tshela ka tumelo.Fa a leba kwa morago, ke tla a seke ke mo itumelele.'' 39 Mme ga re bao ba ba boelang tshenyegong. Boemong jwa moo, re bangwe ba ba nang le tumelo go boloka mewa ya rona.