Kgaolo 8

1 Jaanong kgangkgolo ya se re se buang ke e: re na le moperesiti mogolo yo a ntseng mo letsogong le legolo la Morena mo setilong sa bogosi ko magodimong. 2 Ke montlhanka mo felong le le boitshepo, motlaagana wa boammaaruri o Modimo a o agileng, eseng motho. 3 Gonne moperesiti mogolo mongwe le mongwe o tlhometswe go ntsha dineo le ditlhabelo. Ka jalo go botlhokwa go nna le sengwe se o ka se nayang. 4 Jaanong fa Keresete a kabo a le mo lefatsheng, a kabo a se moperesiti, gonne go na le ba bangwe ba ba ntshang dineo go ya ka fa molaong. 5 Ba direla mo motlaaganeng o e leng moriti wa dilo tsa selegodimo. Go ntse fela jaaka Moshe a ne a tlhagisiwa ke Modimo, fa a ne a tshwanetse go aga motlaagana, Modimo a re "Bona gore o dira sengwe le sengwe go ya ka fa o supegeditsweng ka teng fa o le ko thabeng." 6 Mme jaanong Keresete o amogetse bodiredi jo bo botoka.Ka jaana a le motshereganyi wa kgolagano e e botoka, e e ikaegileng ka ditsholofetso tse di botoka. 7 Gonne fa kgolagano ya ntlha e ne e sena mathata ape, go ne go sa tlhokafale kgolagano ya bobedi. 8 Ya re Modimo a bona batho molato, a re, " Bonang malatsi a etla - go bua Modimo - a ke tla dirang kgolagano e ntsha le ntlo ya Iseraela le ntlo ya Juta. 9 Ga e kitla e tshwana le kgolagano e ke e dirileng le borrabone mogolo ka letsatsi le ke neng ke ba tshwere ka letsogo go ba etelela pele go tswa mo lefatsheng la Egepeto. Gonne ga ba ka ba tshegetsa kgolagano yame, mme ka ba itlhokomolosa-go bua Morena. 10 Gonne e ke kgolagano e ke tlaa e le dirang le ntlo ya Iseraela morago ga malatsi ao - go bua Morena. ke tla baya molao wame mo ditlhaloganyong tsa bone, ebile ke tla e kwala le mo dipelong tsa bone. ke tla nna Modimo wa bone, le bone ba tla nna batho bame. 11 Ope wa bone ga a kitla a ruta moagisanyi wa gagwe le yo mongwe morwaraagwe, a re, "Itse Morena.'Gonne botlhe ba tla nkitse, go tsweng mo go yo monnye go ya ko go yo mogolo mo go bone. 12 Gonne ke tla nna kutlwelobotlhoko mo ditirong tsa bone tsa go tlhoka tshiamo, gape ga nkitla ke gakologelwa dibe tsa bone." 13 Fa a ne a re "bontsha" o ne a dira kgolagano ya ntlha go nna kgologolo, mme se se fetilweng ke nako ebile se le segologolo se gaufi le go nyelela.