Kgaolo 7

1 E ne e le Melekiseteke , kgosi ya Salema , moperesiti wa Modimo Mogodimodimo, yo o neng a segofatsa Aborehama fa a kopana nae a tswa go bolaya dikgosi abo a mosegofatsa. 2 Aborehama o ne a mo fa bolesome jwa sengwe le sengwe . Leina le la gagwe ''Melekiseteke'' le raya ''kgosi ya tshiamo''. Maemo a mangwe a gagwe ke '' kgosi ya Salema'' , ke gore '' kgosi ya kagiso''. 3 Ga a na rraagwe , mmaagwe , ga a na borragwe mogolo, le fa e le matsalo le yone phelelo ya botshelo . Boemong jwa moo, o tshwana le Morwa Modimo, gonne o ntse moperesiti ka bosakhutleng. 4 Bona ka fa monna yo a ne a le mogolo ka teng . Rraarona Aborehama o mo file bolesome jwa dilo tse a di tsereng kwa ntweng . 5 Ka fa ntlheng e nngwe , barwa Lifi ba amogela boperesiti ba na le taelo go tswa molaong go tsaya bolesome go tswa mo bathong , ke gore , go tswa mo go barwarraabone ntswa le bone ba tsetswe ke Aborehama . 6 Ka fa ntlheng e nngwe , Melekiseteke , yo matsalo a gagwe a neng a sa amane le bone , o ne a amogela bolesome mo go Aborehama , a bo a mo segofatsa , ebong ene yo o nang le ditsholofetso . 7 Ga go kake ga latolwa gore motho yo mmotlana o segofadiwa ke yo mogolo . 8 Mo kgang e, batho ba madi le nama ba amogela bolesome , mme mo kgang ele , go bolelwa gore o tshelela ruri . 9 Go ka buiwa jaana , Lefi , yo o neng a amogela bolesome , o ne a ntsha bolesome ka Aborehama , 10 ka lebaka la gore Lefi o ne a le mo mmeleng wa ga rraagwe fa Melekiseteke a kopana le Aborehama. 11 Jaanong fa ele gore go siamisiwa go ne go kgonega ka boperesiti ja seLefi ( gonne ka fa tlase ga bone batho ba ne ba amogela molao) , a go ne go tla bo go tlhokega gore go nne le boperesiti jo bo tshwanang le jwa ga Melekiseteke, jo bo sa tshwaneng le jwa ga Arone? 12 Gonne fa boperesiti bo fetolwa, molao le one o tshwanetse go fetolwa. 13 Gonne ene yo dilo tse di buiwang ka ene ke wa morafe o sele, o go se nang ope yo o tswang mo go one yo o kileng a dira fa aletareng. 14 Jaanong go a itsege gore, Morena wa rona ke Mojuta, morafe o Moshe a se kileng a bua sepe ka one mabapi le baperesiti. 15 Se re se buang se tlhatswega bogolo fa go ka nna moperesiti mongwe yo o tshwanang le Melekiseteka . 16 Ga a nna moperesiti ka lebaka la go tsalwa ga gagwe mo senameng, mme e nnile ka lebaka la thata ya botshelo jo bo sa senyegeng. 17 Gonne dikwalo di paka jaana ka ene: '' O moperesiti ka bosakhutleng jaaka Melekiseteke.'' 18 Gonne go ne ga fedisiwa taolo ya bogologolo ka gore e ne e le bokoa ebile e sena mosola. 19 Gonne molao o ne o sa siamise sepe. Le fa go ntse jalo, go tsisitswe botlhokapoifo jo bo botoka jo ka bone re ka tlang fa pele ga Modimo. 20 Se ga se a diragala go sa ikanwa. Mme ba bangwe bone, ba nna baperesiti go se na maikano ape. 21 Mme Jeso ene, o nnile moperesiti ka maikano a mongwe yo o neng a mo raya a re,'' Morena o ikanne ebile ga a na go fetola mogopolo: "O moperesiti ka bosakhutleng.'' 22 Ka se Jeso o file tlhomamiso ya kgolagano e e botoka . 23 Mme bontsi bo nna baperesiti ka gore fa ba a swa, ga go kgonege go tsweledisa . 24 Mme ka gore Jeso o ntse ka bosakhutleng, o na le boperesiti jo bo sa feleng . 25 Ka jalo , Jeso o kgona go boloka mo go feletseng botlhe ba ba tlang ko Modimong ka Ene , ka lebaka la gore O tshelela ruri go ba rapelela . 26 Gonne moperesiti mogolo yo o ntseng jaana o re siametse . Ga a na boleo , ga a na molato ope , o phepa , ebile o tlhaotswe mo baleofing , ebile o godimo go feta magodimo . 27 Ga a tlhoke go nna a ntsha setlhabelo sa letsatsi le letsatsi jaaka baperesiti bagolo ba bangwe, ba ba neng ba ntshetsa maleo a bone le a batho. Ene o dirile gangwe a direla botlhe, fa a intsha setlhabelo. 28 Gonne molao o tlhoma banna ba ba nang le makoa a bone go nna baperesiti. Mme lefoko la maikano, le le tsileng fa morago ga molao, la tlhoma Morwa, yo o siamisitsweng ka bosakhutleng .