Kgaolo 6

1 Jalo, a re tlogeleng tshimologo ya molaetsa wa ga Keresete mme re ye ko pele go gola. A re seka ra baya gape motheo wa go ikotlhaya mo ditirong tse di suleng le wa tumelo mo Modimong, 2 kana motheo wa go ruta ka dikolobetso, go baya diatla, tsogo ya baswi le katlholo ya bosakhutleng. 3 Re tlaa dira se fa Modimo a letlelela. 4 Ka gago kgonagale mogo bao ba kileng ba bona lesedi, ba utlwile mpho ya selegodimo ebile ba amogane Moya o o Boitshepo, 5 le bao ba ba utlwileng lefoko le le molemo la Modimo le maatla a nako tse di tlang, 6 bao ba kgelogileng-ga go kgonagale go ba busetsa gape ko boikotlhaong. Se ke ka ntlha ya gore ba ipapolela Morwa Modimo gape, ba bo ba mo tlhabisa ditlhong mo setshabeng. 7 Lefatshe le le nwang metsi a pula e e tshologelang mo go lone, ebile le ntsha dijwalo tse di mosola mo go ba ba le berekang ke lone le segofadiwang ke Modimo. 8 Mme fa le tlhoga mitlwa, ga le na mosola mme le gaufi le phutso. Bokhutlo jwa lone ke go sha. 9 Le fa re bua jaana, re lemogile dilo dingwe tse di botoka ka lona ba ba rategang, dilo tse di amanang le poloko. 10 Gonne Modimo ga a bosula mo a ka lebalang tiro ya gago le lorato le o le supileng mo leineng la gagwe, ka gore o diretse badumedi mme o santse o ba direla. 11 Re eletsa thata gore mongwe le mongwe wa lona a supe bonatla go ya ko phelelong ka lebaka la thurifatso e e tletseng ya botlhokapoifo. 12 Se ke ka gore lo seka la nna ditshwakga, mme le nne baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba jang boswa jwa ditsholofetso. 13 Gonne fa Modimo a ne a dira tsholofetso ya gagwe ko go Aborehama, o ikannne ka ene ka a ne a ka se ikane ka ope yo mogolo go ene. 14 O rile "Ke tsile go go segofatsa e le ruri ebile ke tla go godisa mo go golo." 15 Ka tsela e e ntseng jalo, Aborehama o ne a amogela se a se solofeditsweng morago ga go leta ka bopelotelele. 16 Gonne batho ba ikana ka mongwe yo mogolo mo go bone. Ko bokhutlong jwa kganetsanyo nngwe le nngwe, maikano e nna thurifatso. 17 Fa Modimo a ne a tsaya tshwetso ya go supegetsa go sa fetogeng ga boleng jwa maikaelelo a gagwe mo bajabosweng ba tsholofetso,o tlhomamisitse ka maikano a gagwe. 18 O dirile se ka ntlha ya gore dilo tse pedi tse di sa fetogeng, tse eleng gore ga go kgonagale gore Modimo a ake,rona ba re siileng go ya botshabelong, re tla nna le kgothatso e e mashetla go tshegetsa ka thata tshepo e re e beilweng pele. 19 Re nale tshepo ele tshireletso e e tlhomameng ya mewa ya rona, tshepo e e tsenang mo felong le le boitshepo ka fa morago ga sesiro. 20 Jeso o tsene mo felong leo e le morongwa, o nnile moperesiti mogolo go ya bosakhutleng mo tsamaisong ya ga Melekiseteke.