Kgaolo 5

1 Moperesiti mogolo mongwe le mongwe yo o tlhophilweng mo gare ga batho, o tlhomiwa go direla mo boemong jwa batho mo dilong tsotlhe tse di amanang le Modimo, gore a tle a ntshe dimpho le ditlhabelo tsa maleo. 2 O ka dirisana bonolo le ba ba senang kitso le digogela thoko ka gore le ene o dikologilwe ke bokoa. 3 Ka ntlha ya se, go tlhokafala gore le ene a ntshe ditlhabelo tsa maleo a gagwe, fela jaaka a dira ka maleo a batho. 4 Ga se ka ntlha ya gagwe gore mang le mang a tseye tlotla e. Le fa go ntse jalo, o biditswe ke Modimo fela jaaka Arone. 5 Ka tsela e tshwanang, le Keresete ga a itlotla ka go itira moperesiti mogolo. Boemong ba moo,yo a neng a bua le ene o ne a re "O Morwaake; gompieno ke nnile Rrago." 6 Go tshwana fela le jaaka a bua gape a re, "O moperesiti go ya bosakhutleng mo tsamaisong ya ga Melekisedeke." 7 Ka matsatsi a fa a le mo senameng, Keresete o ne a isa dithapelo le dikopo ka selelo se se ko godimo kwa Modimong, Ene yo o kgonang go mmoloka mo losong. O ne a reediwa ka ntlha ya tshiamo ya gagwe. 8 Le fa e ne e le Morwa, o ne a ithuta kutlo mo dilong tse a di bogileng. 9 O ne a siamisiwa mme a nna poloko ya bosakhutleng mo go mongwe le mongwe yo o mo utlwang. 10 O ne a tewa ke Modimo go nna moperesiti mogolo mo tsamaisong ya ga Melekiseteke. 11 Go gontsi mo re ka go buang ka Jeso, mme go thata go tlhalosa ka le sa batle go utlwa. 12 Le fa ka nako e le ka bo le le barutintshi, le santse le letlhoka mongwe yo o ka le rutang dithuto tsa ntlha tsa molaetsa wa Modimo. Le tlhoka masi e seng dijo tse di thata. 13 Ka go nne mongwe le mongwe yo o nwang masi ga a na boitemogelo jwa molaetsa wa tshiamo, ka gore o santse a le ngwana. 14 Mme dijo tse di thata ke tsa bagolo. Ba ke ba ka ntlha ya kgolo ya bone ba katisitseng go tlhaloganya pharologanyo ya bomolemo le bosula.