Kgaolo 4

1 Ke le raya ke re fela fa mojaboswa a sa le ngwana,ga a na pharologanyo le motlhanka, le fa e le ene mong wa tsotlhe. 2 Mme o mo diatleng tsa batlhokomedi le batlamedi go fitlhelela nako e e beilweng ke rragwe. 3 rona jalo, fa re le bana, re ne re le mo botshwarong jwa melao ya lefatshe. 4 Mme fa nako e e tshwanetseng e tsile,Modimo a romela Morwae, a tsetswe ke mosadi,a tsetswe ka fa tlase ga molao. 5 dirile se go golola ba ba ka fa tlase ga molao, gore re fetolwe re nne barwa. 6 Ka gore le barwa, Modimo o rometse Mowa wa Morwa wa gagwe mo dipelong tsa rona, Mowa o o bitsang, "Abba, Rara." 7 Ka lebaka le, ga o sa tlhole o le motlhanka,o morwa. Fa o le Morwa, jaanong o mojaboswa ka Modimo. 8 Mme erile ka lebaka leo,le ise le le itse Modimo,le ne la direga makgoba mo go bao ba ka dithata tsa bone tsa tlholego,e ne e se medimo epe . 9 Mme jaanong ka le itse Modimo, kgotsa re re jaanong ka le itsewe ke Modimo,ka go reng le boela gape ko melaong ya lefatshe e e bokoa e bile e sena mosola? A le batla go nna makgoba gape? 10 Le ela tlhoko malatsi a a haphegileng, kgwedi e palama , dipaka, le dingwaga. 11 Ke a le tshogela gore ke bereketse lefela mo go lona. 12 Ke a le kopa, bakaulengwe, nnang jaaka ke ntse, ka gore ke ntse jaaka le ntse. Ga le a ntirela molato ope. 13 Mme le a itse gore e ne e le ka bokoa jwa mmele gore e bo e le gone ke le bolelelang mafoko a a molemo lantlha. 14 Le fa bokoa jwa me bo le tsentse mo tekong, ga le a ka lwa nnyatsa kgotsa lwa nkgana.Boemong jwa moo le nkamogetse jaaka ekete ke moengele wa Modimo, jaaka e kare ke Keresete ka sebele. 15 Jalo he, boitumelo jwa lona bo kae jaanong? gonne ke le pakela ke re, fa go ne go kgonega, le ka bo le ntshitse matlho a lona le bo le a mpha. 16 Jaanong, a ke mmaba wa lona ka gore ke le bolelela boammaruri? 17 Ba le batla ka dipelo tsotlhe, mme e se mo go molemo. Ba batla go nkgaoganya le lona gore le ba sale morago. 18 Go siame nako tsotlhe go batla ka dipelo tsotlhe go dira dilo tse di siameng, e seng fela fa ke na le lona. 19 Bongwanaka, ke mo botlhokong jwa ditlhabi tsa pelegi ka lona go fitlhela Keresete a bopiwa mo go lona. 20 Ke eletsa ke ka bo ke na le lona koo gone jaana ke bo ke fetola ka fa ke buang ka teng, ka gore ga ke itse gore ke ka le reng. 21 Mpoleleng, lona ba le eletsang go nna ka fa tlase ga molao,a ga le utlwe gore molao wa reng? 22 Gonne go kwadilwe go twe Aborehame a bo a na le barwa ba le babedi, yo mongwe e le wa mosadi wa motlhanka, yo mongwe e le wa mosadi yo o mo kgololesegong. 23 Le fa go le jalo wa motlhanka a bo a tsetswe fela ka fa nameng, mme wa mosadi yo o golotsweng a bo a tsetswe ka tsholofetso. 24 Dilo tse di ka tlhalosiwa jaaka ditshwantsho, ka gore basadi ba ba tshwana le dikgolagano tse pedi. Mongwe wa bone o tswa mo thabeng ya Sinai mme a tshola bana ba e leng batlhanka.Yo ke Hagare. 25 Jaanong Hagare ke thaba ya Sinai mo Arabea. O kaya Jerusalema wa gompieno, ka gore o mo botlhankeng le bana ba gagwe. 26 Mme Jerusalema yo o kwa godimo o gololesegile, ka gore ke mmarona. 27 Gonne go kwadilwe ga twe, "Itumele, wena moopa,wena yo o sa tsholeng.Tswaa ka modumo o goeletse ka boitumelo, wena yo o sa utlwang ditlhabi tsa pelegi. Gonne ba bantsi ke bana ba moopa, go feta ba yo o nang le monna." 28 Jaanong lona, bakaulengwe, jaaka Isake, le bana ba tsholofetso. 29 Ka nako eo yo o neng a tsholwa ka fa nameng o kgokgontshitse yo o neng a tsholwa ka fa Moweng. Go tshwana le jaanong. 30 Lekwalo la reng? "Koba mosadi wa motlhanka le morwa wa gagwe. Ka gore morwa wa mosadi wa motlhanka ga se mojaboswa le morwa wa mosadi yo o golotsweng." 31 Jalo he, bakaulengwe, ga re bana ba mosadi wa motlhanka, mme ka jalo, re ba mosadi yo o golotsweng.