Kgaolo 5

1 Ke ka kgololo go bo Keresete a re golotse. Itshetleleng mme le seka la boela gape mo jokong ya bokgoba. 2 Bonang, nna Paulo, ke le raya ke re fa le rupa, Keresete ga a ka ke a le tswela mosola ka tsela epe. 3 Gape, ke pakela monna mongwe le mongwe yo o itetlelelang go rupa gore o tlamega go obamela molao otlhe. 4 Le kgaogantswe le Keresete, lotlhe ba le siamisiwang ka molao;le latlhegetswe ke tshegofatso. 5 Gonne mo Moyeng,ka tumelo re letile tsholofelo ya tshiamo. 6 Mo go Keresete Jeso go rupa kana go sa rupe ga go reye sepe,fa e se tumelo e e dirang ka lorato. 7 Le ne le siana sentle.Ke mang yo o le emisitseng go utlwa boamaruri? 8 Kgakololo e ga e tswe mo yo le biditseng! 9 Sebidiso se sennye se dira gore borotho jo bo dubilweng gore bo buduloge. 10 Ke na le tshepo mo Modimong gore ga le ka ke la nna le mogopolo o sele.Yo o le tsenyang tsietsego o tlaa otlhaiwa,go sa kgathalesege gore ke mang. 11 Bakaulengwe fa ke sa ntse ke rera thupiso,ke bo ke bogisediwa eng? Fa gontse jalo sekgoreletsi sa mokgoro se tlositswe. 12 Fa e le ka ga ba ba le feretlhang,ke eletsa gore ba ikgaole fela. 15 13 Bakaulengwe le bileditswe kgololesego.Mme se diriseng kgololesego ya lona e le sebaka sa go direla nama,mme le direlane ka lorato." 14 Gonne molao otlhe o diragadiwa mo taolong e le nngwefela;"Rata wa ga lona jaaka o ithata."Fa le lomalomana le jana,elang tlhoko gore ga le kometsane la fetsana. 16 Mme kare, le tsamayeng ka Moya, mme le tlaa seke le dire thato ya nama. 17 Gonne dikeletso tsa nama di kgatlhanong le Moya, le dikeletso tsa Moya di kgatlhanong le nama.Dilo tse di a ganetsana,gore o se dire dilo tse o di batlang. 18 Mme fa le gogwa ke Moya, ga le ka fa tlase ga molao. 19 Jaanong ditiro tsa nama di a bonala;e leng boaka,bomaswe,keletso e e bosula; 20 tirelo medimo ya disetwa,boloi,dikilano,dikomano, mafufa,dikgakalo,makgamu,dikgaogano, 21 bopelotshetlha,botagwa,mekubukubu ya botagwa,le dilo tsotlhe tse di tshwanang le tse.Ke a le tlhagisa,jaaka ke le tlhagisitse go le pele,gore ba ba dirang dilo tsa mofuta o ga ba kitla ba tsena ka bogosi jwa Modimo. 22 Mme leungo la Moya ke lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi,tshiamo,tumelo, 23 bonolo le boikgapho; ga gona molao ope kgatlhanong le dilo tse. 24 Bao ba e leng ba ga Keresete Jeso ba bapotse nama le dithato le dikeletso tsa yone. 25 Fa re tshela ka Moya, re tsamaye le ka Moya. 26 Re seka ra nna boikgogomoso, ra rumolana le fa e le go nna bopelotshetlha.