Kgaolo 3

1 Bagalatia ba dieleele! Le loilwe ke mang?Lona ba Jeso Keresete a bonaditsweng a bapotswe mo matlhong a lona?. 2 Selo se le sengwe se ke batlang go se ithuta mo go lona kese: A le amogetse Moya ka ditiro tsa molao kgotsa ka go dumela se le se utlwileng? 3 A le boeleele go le kalo? Le simolotse ka Moya,a jaanong le ya go fetsa ka nama? 4 A o bogetse dilo tse dintsi lefela - fa e le gore e ne e le ga lefela? 5 A ene yo o le nayang Moya a ba a dira ditiro tsa metlholo mo go lona a o dira jalo ka ditiro tsa molao kgotsa ka go utlwa ka tumelo? 6 jaaka Aborahama a ne a dumela modimo mme a go balelwa e le tshiamo," 7 ka tsela yone eo,tlhaloganya jaanong,gore ke bao ba ba dumelang ba e leng bana ba ga Aborahama. 8 Ya re dikwalo di bonela pele gore modimo o tlaa siamisa Baditshaba ka tumelo,tsa rerela Aborahama mafoko a a molemo pele ga metlha,tsa re,''Ditshaba tsotlhe di tlaa segofadiwa mo go wena." 9 Jaanong,bao ba e leng ba tumelo ba tlaa segofala mmogo le Aborahama,monna wa tumelo. 10 Ba ba ikanyang mo ditirong tsa molao ba ka fa tlase ga phutso; gonne go kwadilwe gatwe, "Go hutsegile ene yo o sa tshegetseng tsotlhe tse di kwadilweng mo bukeng ya molao, go di dira." 11 Jaanong go papametse gore ga go ope yo o siamisiwang fa pele ga Modimo ka molao, gonne basiami ba tlaa tshela ka tumelo." 12 Molao ga se wa tumelo, le fa go ntse jalo. "Ope yo o dirang ditiro tsa molao o tlaa tshela ka tsone." 13 Keresete o re golotse mo phutsong ya molao ka go nna phutso mo boemong jwa rona-gonne go kwadilwe gatwe, "Go hutsegile mongwe le mongwe yo o kalediwang mo setlhareng"- 14 gore tshegofatso ya ga Aborehame e tle mo baditshabeng mo go Keresete Jeso, gore re tle re amogele tsholofetso ya Moya ka tumelo. 15 Bakaulengwe,ke bua ka setho fela.Ka kgolagano ya setho,ga go ope yo o e beelang ko thoko kgotsa go e oketsa fa e tlhomamisitswe ke molao. 16 Jaanong ditsholofetso di ne tsa bolelelwa Aborahama le kokomane ya gagwe. Ga e re, "Go ya dikokomaneng," go tewa bontsi, mme go tewa a le mongwe. "mme go ya le kokomane ya gago," e leng Keresete. 17 Mme jaanong ke bua jaana: Molao o o tsileng morago ga dingwaga tse di makgolo mane le masome a mararo, ga o beele thoko kgolagano ya pele e e tlhomilweng ke Modimo. 18 Fa boswa bo tla ka molao,jaanong bo a bo bo sa tlhole bo tla ka tsholofetso. Mme Modimo o ile abo neela Aborahame ka tsholofetso. 19 Mme jaanong maikaelelo a molao ya bo e le eng?Ga okediwa ka molao ka lebaka la ditlolo,go fitlhelela kokomane ya ga Aborahama e goroga mo go yo o neetsweng tsholofetso. Molao o ne wa tsena mo tirisong ka baengele le ka moletlanyi. 20 Mme jaana moletlanyi o raya batho ba feta bongwe, mme Modimo o mongwefela. 21 Jaanong a molao o kgatlhanong le ditsholofetso tsa Modimo? Gotlhelele nnyaa! Mme fa molao one o neilwe o o ka neelang botshelo, tshiamo e ne e ka tla ka molao. 22 Mme lekwalo le golegetse dilo tsotlhe ka fa tlase ga boleo. Modimo o ne a dira se gore tsholofetso ya gagwe go re boloka ka tumelo mo go Jeso Keresete e neelwe ba ba dumelang. 23 Mme pele ga tumelo e tla, re ne re le ditshwarwa ka fa tlase ga molao, re golegilwe go fitlhela tumelo e senolwa. 24 Jaanong molao wa nna motlhokomedi wa rona go fitlhelela Keresete a tla, gore re tle re siamisiwe ka tumelo. 25 Mme jaana ka tumelo e tsile, ga re sa tlhole re le ka fa tlase ga motlhokomedi. 26 Gonne lotlhe le bana ba Modimo ka tumelo mo go Keresete Jeso. 27 lotlhe ba le kolobeditsweng mo go Keresete le apere Keresete. 28 Ga go sa tlhole go na le Mogerika kana Mojuta, ga go sa tlhole go na le lekgoba kana yo o golotsweng, monna kana mosadi, ka gonne lotlhe le bangwefela mo go keresete Jeso. 29 Fa le le ba ga Keresete, jaanong le kokomane ya ga Aborahama, bajaboswa go ya ka tsholofetso.