Kgaolo 2

1 Ya re morago ga dingwaga dile lesome le bone ka ya Jerusalema le Barenabase, ka tsaya le Tito. 2 Ke ne ke ya teng ka lebaka la tshenolelo mme ka baya fa pele ga bone mafoko a a molemo a ke a rerang mo Baditshabeng.Kene ka buela mo sephiring le bao ba ba neng ba lebega ba le botlhokwa,go tlhomamisa gore ga ke a tabogela lefela. 3 Mme le fa ele Tito wa Mogerika,o ne a pateletswa go rupa. 4 Bakaulengwe ba eseng ba nnete ba tla ka bolotsana go tsaya ditlholwa kgololesego e re nang le yone mo go Keresete Jeso. Ba ne ba eletsa go re dira makgoba, 5 ra seka ra ineela mo go bone le fa ele ka lebakanyana,gore boammaruri ba mafoko a a molemo bo nne mo go lona. 8 6 Mme bone ba ba neng ba lebega bale botlhokwa(go sa kgathalelesege gore ke bo mang go ne go sa ntire sepe,gonne Modimo ga a tseye ope ka bo mang mang jwa gagwe) - bone bao ba ke reng ba lebega ba le botlhokwa ga ba a ka ba nthusa ka sepe. 7 Nnyaa,ba lemoga fa ke neetswe mafoko a a molemo a ba ba sa rupang fela jaaka Petere o ne a neetswe mafoko a a molemo a ba ba rupileng. Mme modimo yo o neng a dira ka Petere ka seaposotolo mo go ba ba rupileng o dira le ka nna mo Baditshabeng. 9 Fa Jakobe,Kefase le Johane,ba ba neng ba lemogwa e le basimolodi ba kereke,ba tlhaloganya tshegofatso e ke e neilweng ba nkamogela nna le Barenabase.Ba dira se gore reye ko Baditshabeng, bone baye ko go ba ba rupileng. 10 Ba re kopa gore re seka ra lebala batlhoki,se ke neng ke tlhwaafaletse go se dira. 11 Mme ya re Kefase a tla mo Antioke,ka mo kgalemela re lebagane ka a ne a bonwa molato. 12 Pele ga banna bangwe ba ba tswang ko go Jakobe batla,o ne a ja fela le Baditshaba.Mme yare banna ba ba goroga a emisa,a ba a tsamaela kgakala le Baditshaba. One a tshaba banna ba ba neng ba batla thupiso. 13 Le Bajuta botlhe ba tsena mo boitimokanyong jo.Le ene Barenabase ba mo timetsa ka boitimokanyo jwa bone. 14 Mme ya re ke bona go re boitsholo jwa bone ga bo latele boammaruri jwa mafoko a a molemo,ka raya Kefase fa pele ga bone botlhe ka re,"fa o le Mojuta mme o tshela jaaka Moditshaba eseng jaaka Mojuta,o ka pateletsa jang Baditshaba go tshela jaaka Bajuta?" 16 Rona ka bo rona re Bajuta ka tlholego eseng baleofi ba Baditshaba; 15 re itse fa motho ope a sa siamisiwe ka ditiro tsa molao fa e se ka tumelo mo go Jeso Keresete.Re tsile mo tumelong mo go Jeso gore re siamisiwe ka tumelo mo go Keresete eseng ka ditiro tsa molao. Gonne ka ditiro tsa molao ga go nama epe e e tla siamisiwang. 17 Mme erile fa re batla go siamisiwa mo go Keresete,ra fitlhelwa re le baleofi,a Keresete ke morotloetsi wa boleo?Nnyaa gotlhelele! 18 Gonne fa ke aga dilo tse ke kileng ka di senya ke supa fa ke le motlodi wa molao. 19 Ka molao ke sule mogo tsa molao, gore ke kgone go tshelela Modimo. 20 Ke bapotswe le Keresete. Ga go sa tlhole go tshela nna, ke Keresete yo o tshelang mo go nna. Botshelo bo ke bo tshelang jaana mo nameng ke bo tshela ka tumelo mo go Morwa Modimo, yo o neng a nthata mme a inketshetsa. 21 ke kgaphele thoko tshegofatso ya modimo,gonne fa tshiamo e ka bonwa ka molao,Keresete o tlaa bo a swetse lefela!