Kgaolo 9

1 Go yeng ka bodiredi jwa badumedi, go ne go sa tlhokafale gore ke le kwalele. 2 Ke itse ka ga keletso ya lona, e ke ikgatlhang ka yone mo bathong ba Masetonia. Ke ba boleletse gore Akhaia o sale a ipaakantse ngwaga e e fitileng. Keletso ya lona e gwetlhile bale bantsi go tsaya kgato. 3 ke rometse barwa rre gore go ikgantsha ka lona go seka ga nna ga lefela, gore le lona le ipaakanye jaaka ke buile. 4 E seng jalo fa bangwe ba Masetonia ba ka tla le nna, ba fitlhela le sa ipaakanya, re tsile go tlhajwa ke ditlhong. Ga ke bue sepe ka lona, ka ke sane poifo ka lona. 5 Ke akantse gore go a tshwanela go gwetlha barwa rre go tla ko go lona go tla go dira dithulaganyo gole pele ka neo ele e solofeditseng. Gore e tle e siame jaaka tshegofatso, e seng jaaka se sele fela. 6 Ntlha ke e: yo o lemang go le gonnye o tla a roba go le gonnye, mme yo o lemang , a lema ka lebaka la go segofatsa le ene o tla a roba tshegofatso. 7 A mongwe le mongwe a abe jaaka a baakantse mo pelong ya gagwe. A a seka a neela ka kutlobotlhoko kana ka kgatelelo. Ka gore Modimo o rata yo o abang ka pelo e e itumetseng. 8 Modimo o kgona go go ntsifaletsa ditshegofatso, gore nako tsotlhe, mo dilong tsotlhe, o nne le se o se tlhokang. Mo go direlwa gore o ntsifatse tiro ya gago e e molemo. 9 Go ntse jaaka go kwadilwe: ''O kgaogantse dikhumo tsa gagwe o di neetse bahumanegi. Tshiamo ya gagwe e nnela ruri.'' 10 Ene yo o neelang molemi yo lemang peo, le borotho jwa dijo, o tla a go neela abo a ntsifatsa peo ya gago eo e lemang. O tla a oketsa thobo ya gago ya tshiamo. 11 O tla a huma ka ditsela tsotlhe gore o kgone go aba. Se, se tla a tlisa malebogo ko Modimong ka rona. 12 Go dira tiro e ga go kopantshe matlhoki a badumedi fela. Go ntsifatsa le mekgwa ya go leboga Morena. 13 Ka go lekwa o bo o rurafadiwa, o tla a galaletsa Modimo ka kutlo le go bolela mafoko a a molemo a ga Keresete. O tla a galaletsa Modimo ka neo ya gago ya go aba le go neela mongwe le mongwe. 14 Ba le tlhwaafaletse e bile ba a le rapelela. Ba dira se ka ntlha ya tshegofatso e kgolo ya Modimo mo go lona. 15 A malebogo a nne mo Modimong mo neong ya gagwe e e ka se bolelweng!