Kgaolo 10

1 Nna, Paulo, ke a le kopa. ka boikokobetso le bonolo jwa ga Keresete. Ga ke a tshoga fa ke le magareng ga lona, mme ke matlhagatlhaga mo go lona fa ke seo. 2 Ke le kopa se, fa ke na le lona, ke tla seke ke tlhoke go nna matlhagatlhaga ka go itshepa.Mme ke akanya gore ke tlaa tshwanelwa ke go nna matlhagatlhaga fa ke ganetsana le ba ba akanyang gore re tshela ka fa nameng. 3 le fa re tsamaya ka fa nameng, ga re kale ntwa go ya ka nama. 4 Gonne ditlhabani tse re tlhabanang ka tsone ga se tsa senama. Le fa go ntse jalo, di na le maatla a selegodimo go senya dithata. Go senyaka dingangisano tse di tsietsang. 5 Re senya sengwe le sengwe se se itsholetsang kgatlhanong le kitso ya Modimo. Re tsaya kakanyo nngwe le nngwe mo botshwarong go e dira kutlo mo go Keresete. 6 Mme re ipaakanyetsa go otlhaya tiro nngwe le nngwe ya botlhokakutlo, fela fa lotlhe le na le kutlo. 7 Lebelelang se se fa pele ga lona ka kelotlhoko. Fa mongwe a dumela gore ke wa ga Keresete, a a ikgakolole gore fela jaaka e le wa ga Keresete, le rona re ntse jalo. 8 Ka gonne le fa nka ipoka go le kahe ka taolo ya rona, e Morena a re e neileng go le aga eseng go le senyaka, ke tlaa seke ke tlhajwe ke ditlhong. 9 Ga ke batle e nna jaaka o kare ke le tshosa ka dikwalo tsa me. 10 Ka gore batho bangwe ba re,'' Dikwalo tsa gagwe di tlhwaafetse ebile di maatla, mme mo mmeleng o bokoa. Mafoko a gagwe gaa tshwanela go ka reediwa.'' 11 A batho bao ba itse gore se re leng sone mo mafokong a dikwalo tsa rona fa re seo ke se re tlaa nnang sone mo ditirong tsa rona fa re le teng. 12 Ga re ye kgakala ka go itsenya mo ditlhophaneng kana le go itshwantshanya le ba ba ikgalaletsang. Mme fa ba ikala ba bo ba itshwantshanya ka bo bone, ga ba na tebelopele. 13 Rona, le fa gontse jalo, ga re kitla re ipoka go feta selekanyo. Ka jalo, re tlaa dira go ya mo selekanyong se Morena a re laetseng go dira ka sone, selekanyo se se fitlhang le ko go lona. 14 Gonne ga re a ka ra ikatolosa fa re tla ko go lona. Re ne re le ba ntlha go fitlha ko go lona ka efangedi ya ga Keresete. 15 Ga re a ipoka go feta selekanyo ka ditiro tsa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, re tshepa gore jaaka tumelo ya lona e gola lefelo la rona la tiro le tlaa gola thata, mme e ntse ele mo selekanyong sa yone se se siameng. 16 Re solofela se, gore re tle re rere efangedi le mo dikgaolong tse di ko ntle ga lona. Re tla seke re ipoke ka tiro ee dirwang kwa lefelong le lengwe. 17 ''A yo o ipokang , a ipoke mo Moreneng.'' 18 Gonne ga se ene yo ipolelang yo o amogelwang. Le fa gontse jalo, ke yo Morena a mmolelang.