Kgaolo 11

1 Ke eletsa gore le ka nteseletsa gore le ka nna jaaka nna boeleele. Mme ele ruri le a nteseletsa! 2 Ka ke a le fufegela. Ke na le lefufa la semorena mo go lona, ka ke le solofeditse nyalo le monna a le mongwe. Ke le solofeditse go le neela lekgarejwana la lekgela mo go Keresete. 3 Mme ke tshogela gore ka tsela nngwe, jaaka noga e tsieditse Efa ka matlhale a yone, dikakanyo tsa lona di kanna tsa latlhega go tswa mo kobamelong ya boammaruri e e senang selabe mo go Keresete. 4 Ka gongwe mongwe o ka tla a bolela Jeso yo mongwe go na le yo re mo rerang. Kana gongwe o amogela moya o o farologanyeng go na le yo o amogetseng. Kana gongwe o amogela efangedi e e farologaneng go na le e o neng o e amogetse. Le amogela tse mo go lekaneng! 5 Ka ke akanya gore ga ke mo go bao ba tseelwang kwa tlase mo go ba ba bidiwang baaposetolo bagolo. 6 Mme le fa ke sa rutelwa go fa dipego, ga kea katisiwa mo kitsong. Ka tsela tsotlhe le mo dilong tsotlhe re dirile se go le itsise. 7 A ke leofile ka go ikokobetsa go re le tle le tsholediwe? Gonne ke le reretse efangedi ya Modimo mahala. 8 Ke utswetse dikereke tse dingwe ka go amogela thotloetso mo go bone gore ke tle ke le direle. 9 Fa ke ne ke na le lona ke ne ke le mo letlhokong, ke ne ke se morwalo mo go ope. Ka matlhoki ame a ne a fitlhelelwa ke bakaulengwe ba ba neng ba tswa ko Masedonia. Mo dilong tsotlhe ke ikgaphile go nna morwalo mo go lona, mme ke tla tswelela ka go dira jalo. 10 Ka boammaruri jwa ga Keresete bo mo go nna, go ipoka mo game ga gona go didimala mo dikarolong dingwe tsa Akhaia. 11 Ka goreng? Ka gore ga ke le rate? Modimo o a itse. 12 Mme se ke se dirang ke tla tswelela ka go se dira, fela ka gore ke tla emisa bao ba ba nkgalang le bao ba ba batlang go ipoka-ka gore ba bonwe ba dira tiro e e tshwanang le e re e dirang. 13 Ka batho bao ke baapostole ba maaka le babereki ba batsietsi. Ba iketsisa e ka re ke baaposetole ba ga Keresete. 14 Mme se ga se gakgamatse, ka le Saatane o iketsisa e le moengele wa lesedi. 15 Ga go gakgamatse go le gogolo fa batlhanka ba gagwe le bone ba iketsisa jaaka batlhanka ba tshiamo. Phelelo ya bone e tla nna maduo a ditiro tsa bone. 16 Ke bolela gape: A ope a seka a akanya gore ke seeleele. Mme fa o akanya jalo, ntsaya jaaka seeleele gore ke tle ke ipoke gole gonnye. 17 Ka reng ka boipoko jo jwa go itshepa fa Morena a ise a amogele, mme ke bua jaaka seeleele. 18 Ka batho ba le bantsi ba ipoka ka senama, le nna ke tla ipoka. 19 Ka le itumelela go amogela dieleele. Le botlhale lona! 20 Ka gore le amogela batho ba ba le dirang makgoba, fa a le direla boferefere, fa a le dirisa, fa a itsaya a le ko godimo ga lona, kgotsa a le betsa mo sefatlhegong. 21 Ke tla bua se mo ditlhong tsa rona gore re ne re le bokoa thata go dira tseo. Jalo fa mongwe a ipoka-ke bua jaaka seeleele-le nna ke tla ipoka. 22 A ke Bahebera? Le nna. A ke Baiseraele? Le nna. A ke ba lesika la ga Aborahame? Le nna. 23 A ke batlhanka ba ga Keresete?(Ke bua jaaka e kare ke ne ke latlheletswe ke tlhaloganyo.) Ke feta mo. Ke ntse ke le mo tirong e e thata le go feta, ke le mo dikgolegelong tse dintsi, mo dikotlhaong tse di fetang selekanyo, ke lebagane le tse di borai tsa leso. 24 Go tswa mo Bajuteng ke amogetse dithupa tse di "masome a a mararo le borobabongwe(39)" makgetho a le matlhano. 25 Makgetho a le mararo ke beditswe ka dithobane. Gangwe ke ne ka kgobotlediwa ka matlapa. Gararo ke ne ka latlhegelwa ke taolo ya sekepe. Ke letse bosigo le letsatsi mo lewatleng. 26 Ke ne ke le mo mesepeleng kgapetsakgapetsa, mo boraing jwa dinoka, mo boraing jwa magodu, mo boraing jwa batho bame, mo boraing jwa baditshaba, mo boraing jwa toropo, mo boraing jwa sekaka, mo boraing jwa kwa lewatleng, mo boraing jwa bakaulengwe ba ba maaka. 27 Ke ntse ke le mo tirong e e thata le mo dikgwetlhong, mo masigong a mantsi ke sa robale, mo tlaleng le mo lenyoreng, mo itimo dijong kgapetsakgapetsa, mo serameng le bosaikategwang. 28 Kwa ntleng ga sepe gape, go na le kgatelelo ya letsatsi le letsatsi mo go nna ga tlhobaelo ka dikereke tsotlhe. 29 Ke mang yo o bokoa, le nna ga ke bokoa? Ke mang yo o kgopisitsweng, mme ga ke she? 30 Fa ke tshwanetse go ipoka, ke tla ipoka ka se se tla supang makoa ame. 31 Modimo Rara wa Morena Jeso, ene yo o galalediwang go ya bosakhutleng, o itse gore ga ke ake! 32 Ko Tamasekase, motlhokomedi ka fa tlase ga Kgosi Aretase o ne a tlhokometse toropo go re ba ntshware. 33 Mme ke ne ka tsenngwa mo mmanking mo phatlheng e e mo leboteng, mme ke ne ka falola mo diatleng tsa gagwe.