Kgaolo 12

1 Ke tshwanetse go ipoka, mme ga go busetse sepe. Mme ke tla tswelela ka diponelopele le ditshenolo go tswa kwa Moreneng. 2 Ke itse monna mo go Keresete yo dingwa di le lesome le bone (14) tse di fetileng yo-kana e ne le mo mmeleng kgotsa e se mo mmeleng, ga ke itse, go itse Modimo- o ne a tshwarwa kwa legodimong la boraro. 3 Mme ke itse gore monna yo-kana e ne e le mo mmeleng kgotsa e se mo mmeleng, ga ke itse, go itse Modimo- 4 o ne a tshwarwa kwa felong le le kgethegileng kwa legodimong mme a utlwa dilo tse di boitshepo thata go ka boiwa ke ope. 5 Mo boemong jwa motho yo o ntseng jalo ke tlaa ipoka. Mme mo boemong jwa me ga ke na go ipoka, fela fa e se ka bokoa jwa me. 6 Fa ke ne ke batla go ipoka, ke ne ke ka se nne seeleele, ka gore ke tla a bo ke bua boammaruri. Mme ke tla a seke ke ipoke, gore ope a seka a akanya thata ka nna go feta se se bonwang mo go nna kana se utlwiwang mo go nna. 7 Ke tla seke ke ipoke gape ka ntlha ya ditshenolo tsa mofuta yo o sa tlwaelesegang. Ka jalo, ga ke na go tlala ka mabela, ke ne ka tlhabiwa ka mutlwa mo nameng, morongwa go tswa kwa go Saatane go ntshwenya, gore ke seka ka nna mabela thata. 8 Makgetho a le mararo ke ne ka kopa Morena ka se, gore a o ntshe mo go nna. 9 Mme o ne a nthaya a re, "Tshegofatso yame e go lekane, gonne maatla a siamisiwa mo bokoeng.'' Jaanong ke kampa ka ipoka ka makoa ame, gore maatla a ga Keresete a nne mo go nna. 10 Ka jalo ke na le maitsetsepelo ka ntlha ya ga Keresete mo makoeng, mo ditlhapeng, mo mathateng, mo dipogisegong le mo diemong tse di gatelelang. Gonne fa ke le bokoa, jalo ke nonofile. 11 Ke nnile seeleele! Le mpateleditse se, gonne ke ne ke tshwanetse go galalediwa ke lona. Gonne ke ne ke se kwa tlase gotlhelele mo go ba ba bidiwang baaposetolo-bagolo, le fa ke se sepe. 12 Dikai tsa boammaruri tsa moaposetolo di ne tsa diragadiwa magareng ga lona ka bopelotelele jo bo feletseng, ditshupo le dikgakgamatso le ditiro tse di kgolo. 13 Jalo le ne le se botlhokwa jang go na le dikereke tse dingwe, kwa ntle ga gore ke ne ke se morwalo mo go lona? Intshwareleng ka phoso e! 14 Bona! Ke ipaakantse go tla kwa go lona lekgetho la boraro. Ga ke na go nna morwalo mo go lona, gonne ga ke batle ditsalona. Ke batla lona. Gonne bana ga ba a tshwanela go bolokela batsadi. Le fa go ntse jalo, batsadi ba tshwanetse go bolokela bana. 15 Ke tlaa le direla dilo tsotlhe ka boitumelo ke bo ke swele mewa ya lona. Fa ke le rata thata, a ke ratiwe go le go nnye? 16 Le fa go ntse jalo, ga ke a le rwesa morwalo. Mme, ka gore ke leferefere thata, ke nna ke le tsieditseng. 17 A ke le dirisitse ka mongwe yo ke mo rometseng kwa go lona? 18 Ke gwetlhile Tito go ya kwa go lona, ke mo romile le mokaulengwe yo mongwe. A Tito o le dirisitse? A ga re a tsamaya mo tseleng e e tshwanang? A ga re a tsamaya mo dikgatong tse di tshwanang? 19 A lo akanya gore nako e yotlhe re ntse re itshireletsa mo go lona? Mo ponong ya Modimo, re ntse re bua sengwe le sengwe mo go Keresete gore le thatafadiwe. 20 Gonne ke boifa gore fa ke tla ke ka nna ka seke ke le bone jaaka ke eletsa. Ke boifa gore le ka nna la seke le mpone jaaka lo eletsa. Ke boifa gore go ka nna ga nna le dingangisano, lefufa, kgalefo e e feteletseng, maikaelelo a bopelotshetlha, tshebo, mabela le go tlhoka tsamaiso. 21 Ke boifa gore fa ke boa, Modimo wame o ka nna a nkokobetsa fa pele ga lona. Ke boifa gore ke ka nna ka hutsafadiwa ke bontsi jwa ba ba leofileng go le pele, le ba ba sa ikotlhayang mo makgaphileng le botlhaswa jwa tlhakanelo dikobo le keletso ya senama e ba tseneng mo go yone.