Kgaolo 13

1 Se ke lekgetho la boraro ke tla ko go lona. "Pelaelo nngwe le nngwe e tshwanetse ya nna le bosupi jwa batho ba le babedi kana ba le bararo." 2 Ke setse ke boleletse ba ba neng ba leofile pele le botlhe fa ke ne ke le koo lekgetho la bobedi, mme ke bua gape: fa ke tla gape, ga ke na go ba itshwarela. 3 Ke le bolelela se ka gore le batla bosupi jwa gore Keresete o bua ka nna. Ga a bokoa mo go lona. Le fa go ntse jalo, o maatla mo go lona. 4 Gonne o ne a bapotswe mo bokoeng, mme o a tshela ka maatla a Modimo. Go nne le rona re bokoa mo go ene, mme re tla a tshela le ene ka maatla a Modimo mo go lona. 5 Itshekatshekeng le bone gore a le mo tumelong. Itekeng. A ga le lemoge se ka lona gore Jeso Keresete o mo go lona?- kwa ntleng ga le paletswe ke teko. 6 Mme ke tshepha gore le tla lemoga fa re sa palelwa ke teko. 7 Jaanong re rapela ko Modimong gore le seka la dira phoso epe. Ga ke rapele gore re nne o kare re fentse teko. Le fa go ntse jalo, ke rapela gore le dire se se siameng, le ntswa go lebega o kare re paletswe ke teko. 8 Gonne ga re kgone go dira sepe kgatlhanong le nnete, mme nnete fela. 9 Gonne re a ipela fa re le bokoa le nonofile. Re rapela gape gore le siamisiwe. 10 Ke kwala dilo tse fa ke seyo mo go lona, gore e re fa ke na le lona ke seka ka bereka le lona ka kgokgontsho ke dirisa taolo yame- e Morena a e mphileng, gore ke kgone ke le age, eseng go le senya. 11 Sa bofelo, bakaulengwe, ipeleng! Berekelang puseletso, rotloetsegang, dumalanang, tshelang ka kagiso. Mme Modimo wa lorato le kagiso o tla nna le lona. 12 Dumedisanang ka katlo e e boitshepo. 13 Badumedi botlhe ba a le dumedisa. 14 A tshegofatso ya Morena Jeso Keresete, lorato la Modimo, le botsalano jwa Moya yo o Boitshepo bo nne le lona lotlhe.