Kgaolo 8

1 Re bata le ka itse, bakaulengwe, ka tshegofatso ya Modimo ae fileng dikereke tsa Masetonea. 2 Ka nako ya teko e kgolo ya ditlhokofatso, letlotlo la boitumelo jwa bone le mo lehumeng le legolo la bone, le bakile mahumo a go aba. 3 Gonne kena le bosupi gore ba neetse mo gontsi go ya ka fa ba neng ba kgona, le go fitisa kafa ba neng ba kgona. Ele go rata ga bone 4 bane ba re kopa thata monyetla wago abelana mo bodireding jo le badumedi. 5 Se ga se a diragala go eng kafa re neng re solofetse. Boemong jwa seo, bane ba ineela lantlha mo Moreneng. Morago ba ineela mo go rona ka gorata ga Modimo. 6 Ka jalo re ne ra kopa Tito, yo o setseng a semolotse tiro e, go feleletsa tiro ena ya go aba mo go lona. 7 Mme le tletse mo sengwe le sengweng, mo tumelong, mo puong, mo kitsong, mo bonokopileng jotlhe, le mo leratong la lona mo go rona. Ka jalo tlhomamisang gore le ineela mo tirong e ya go aba. 8 Ke bua sena e se taolo. Ka jalo, ke bua se e le tsela ya go leka boammaaruri jwa lerato la lona kago le tshwantshanya le lerato la ba bangwe. 9 Gonne le itse tshegofatso ya Morena wa rona Jeso Keresete. Le fa a ne a humile, ka ntata ya lona one a humanega, go re mo lehumeng la gagwe le tle le hume. 10 Mo kgannyeng e, ke tla le fa kgakololo e e tla le thusang. Ngwaga e e fitileng, ga le aka la simolola sengwe fela, mme le ne le eletsa go se diragatsa. 11 Jaanong se feleletseng. Fela jaaka gone gona le keletso yago dira seka nako ya teng, se feleletseng goya kafa le ka kgonang ka teng. 12 Gonne fa le batla go dira tiro ena, ke selo se se molemo se se amogelesegang. Se tshwanetse sa ikaega ka se motho a nang le sone, e seng se a senang sone. 13 Gonne tiro ena ga e reye gore ba bangwe ba iketle mme lona le imelwe. Boemong jwa seo, go tshwanetse ga nna le tekatekano. 14 Letlotlo la lona ka nako ena letla ba neela se ba se tlhokang. Se se diragala gore letlotlo la bone le kopantshe matlhoki a lona, gore gotle go nne le tekatekano. 15 Gontse jaaka go kwadilwe: ''Ene yo o nang le go le gontsi one a sena sepe se se setseng, yo o neng a na le go le gonnye o ne a sena botlhoki." 16 Mme re leboga Modimo, yo o beileng mo pelong ya ga Tito lerato le ke nang le lone mogo lona. 17 Gonne ga a amogela hela kopo ya rona, mme o ne a tlhwaafala ka yone. O tlile ko go lona ka gorata ga gagwe. 18 Re mo romile koo le mokaulengwe yo o galalediwang ke dikereke tsotlhe mo tirong ya gagwe yago rera efangele. 19 E seng seo fela, mme o tlhophilwe ke dikereke go tsamaya le rona mo go diragetseng tiro ena ya go aba. Sena ke gore go tlotlwe Morena ka esi le go batla go thusa ga rona. 20 Re leka go thibela kgonagalo ya gore mongwe a ngongorege ka ga rona ka tiro e re e dirang e ya go aba. 21 Re ela tlhoko go dira se se tlotlegang, e seng fela fa pele ga Morena, mme le fa pele ga batho. 22 Re romela gape mokaulengwe o mongwe le bone. Re mo lekile go le gantshi, mme re fitlhele a tletse matlhagatlhaga mo go direng ditiro ka bontsi. Jaanong o matsetseleko thata ka ntata ya tshepo e a nang le yone mogo lona. 23 Tito ene, ke mongwe ka nna le mmereki ka nna mo go lona. Bakaulengwe ba rona bone, ba rometswe ke dikereke. Ke tlotla mo go Keresete. 24 Jalo ba supegetse lerato, le supegetse kereke le lebaka la gore ke eng re ikgantsha ka lona.