Kgaolo 7

1 Baratiwa, ka re na le ditsholofetso tse, a re itlotseng ka sengwe le sengwe se se re dirang leswe mo mmeleng le mo moweng.A re batleng boitshwarelo mo poifong ya Modimo. 2 3 4 Re amogeleng! Gare a fosetsa ope. Gare a utlwisa ope botlhoko kana ra gobelela ope. 2 Ga se go le atlhola fa o bua. Gonne ke setse ke rile le mo dipelo tsa rona gore re kgona go swa re bo re tshela mmogo. 4 Ke na le tlhomamiso mo go lona e bile ke ikgontsha ka lona. Ke tletse ka kgomotsego. Ke penologa ka boitumelo le mo ditlhokofatsong tsa rona tsotlhe. 5 6 7 Fa re ya ko Makatonia, mebele ya rona e ne e sa itapolosa, mme re ne re tshwanetswe ka ditsela tsotlhe ke dikgotlang kwa ntle le poifo mo teng. 6 Mme Modimo yo o kgothatsang ba ba kgobegileng marapo, a re gomoditse ka go goroga ga ga Tito. 7 E ne e se ka go goroga ga gagwe fela mo Modimong a re gomoditseng ka gone e ne e le ka kgomotso e Tito a e bonyeng mo go lona. O re boleletse ka go lerato le legolo, kutlobotlhoko ya lona, le go tshwenyega ga nna mo go golo. Kene ka itumela le go feta. 8 Le fa lekwalo lame le le utlwisitse botlhoko, ga ke go ikotlhaele. Mme ke a ikotlhaya fa ke bona gore lekwalo lame le le utlwisa botlhoko. Mme lene le utlwile botlhoko ka sebakanyana. 9 Jaanong ke a itumela, e seng ka gore le ne le le mo pitlaganong, mme kutlobotlhoko ya lona e le dirile gore le ikwatlhae. Le itemogetse kutlhobotlhoko ya bo modimo, ka jalo ga lo a latlhegelwa ke sepe ka ntlha ya rona. 10 Gonne kutlhoboko ya bo modimo e tlisa boikwatlhao jo bo tlisang poloko go sena makotlhao. Kutlobotlhoko ya selefatshe yone e tlisa loso. 11 Bona gore maikaelelo a a magolo a kutlobotlhoko ya bo modimo a se ntshitseng mo go wena. Ka fa maikaelelo a magolo a lona go supa fa lo sena molato. Ka fa bogale jwa lona bo neng bo le bogolo ka teng, poifo ya lona, go eletsa ga lona, tlhwaafalo ya lona, le keletso ya lona ya go bona gore tshiamo e a dirafadiwa! Mo dilong tse tsotlhe le itshupile le sena molato. 12 Lefa ke lekwaletse, ga ke a le kwalela ka ntlha ya modira molato, kana le fa ele ene yo o tlhokofaleditsweng molato. Ke le kwaletse gore boikanyego jwa lona mo go rona le bo itsesiwe mo ponong ya Modimo. 13 Ke ka ntlha ya se gore a bo re kgothaditswe. Mo tlalaletsong ya kgomotsong ya rona, gape re ipela le go feta ka boitumelo jwa ga Tito, ka gore moya wa gagwe o ne wa ntshafadiwa ke lona lotlhe. 14 Go nne fa ke itlotlomatsa mo go ene ka ga lona, ga ke a tlhabiwa ke ditlhong. Le fa go ntse jalo, fela jaaka sengwe le sengwe se re se buileng le lona e le boammaruri, go itlotlomatsa ga rona ka ga lona mo go Tito go itshupile e le boammaruri. 15 Lerato la gagwe mo go lona le legolo, jaaka a gakologelwa boikobo jwa lona lotlhe, ka fa lo mo amogetseng ka teng ka boifo le ka tshisimogo. 16 Ke ipela ka gore kena le tshepo e e tletseng mo go lona.