Kgaolo 3

1 Ka jalo, e rile fa re sa kgone go itshoka, re ne ra akanya gore go molemo gore re tlogelwe kwa Athene re le nosi. 2 Re ne ra romela Timotheo, mokaulengwe wa rona le modiri ka rona mo Modimong le mo mafoko a a molemo aga Keresete, go le thatafatsa le go le gomotsa malebang le tumelo ya lona. 3 Re dirile se gore ope wa lona a seka a tshikinngwa ke dipogiso tse. Gonne lona lo itse ka se gore re tlhomilwe. 4 Ka boamaruri, e rile fa re na le lona, re lo boleletse go sa pele gore re ya go boga mo tlhokohatsong, mme seo sa diragala, jaaka lo itse. 5 Ka lone lebaka le, e rile fa ke sa tlhole ke kgona go ema, ke rometse gore ke tle ke itse ka tumelo ya lona. E sere gongwe moraedi ka tsela nngwe a lo raele, mme go dira ga rona ga nna lefela. 6 Mme Timotheo a tla kwa go rona a tswa kwa go lona mme a re tlisetsa mafoko a a molemo a tumelo ya lona le lorato. O re boleletse gore le nna le na le megopolo e e molemo ka ga rona, le gore lo eletsa gore bona fela jaaka le rona re eletsa gole bona. 7 Ka lebaka le, bakaulengwe, re ne ra gomodiwa ke lona ka lebaka la tumelo ya lona, mo dipitlaganong tsotlhe tsa rona le ditlhokofatso. 8 Ka jaana re a tshela, fa lo ema ka tlhomamo mo Moreneng. 9 Re ka neela Modimo malebogo ka eng ka ga lona,ka boitumelo botlhe jo le nang le bone fa pele ga Modimo wa rona ka ga lona? 10 Bosigo le motshegare re a lo rapelela ka thata go re bone difatlhego tsa lona le go loneela tse lo ditlhokang mo tumelong ya lona. 11 A Modimo wa rona le Rara ka bo ene, le Morena Jeso, a re kaele tsela e e yang kwa go lona. 12 A Morena a lo ntsifatse a bo a totise mo loratong ka bongwe ka bongwe le mo bathong botlhe, fela jaaka le rona re lo direla. 13 A a dire se mo tolamong go le thatafatsa mo dipelong tsa lona di sena selabe mo boitshepong fa pele ga Modimo wa rona le Rara mo go tleng ga Morena Jeso le botlhe ba gagwe ba ba boitshepo.