Kgaolo 2

1 Go nne lona ka bo lona le a itse, bakaulengwe, gore gotla ga rona ko go lona e ne ese go senya nako. 2 Le itse gore re kile ra boga ebile ra tshwarwa ga matlhabisa ditlhong kwa Filipi. Re ne re le pelokgale mo Modimong wa rona go bua le lona Efangedi ya Modimo mo go bogeng mo gogolo. 3 Ka gore go kgothala ga rona e ne e se ga phoso, kampo ga go itshekolola, kana ga go tsietsa. 4 Boeng, jaaka re tlhomamisitswe ke Modimo go tshephiwa ka efangedi, jaanong re a bua. Re bua, go sa kgatlha motho, mme re kgatlha Modimo. Ke ene a sekasekang dipelo tsa rona. 5 Ka gore ga re ise re dirise ka nako epe mafoko a a kgatlhang, jaaka lo itse, le eseng ka maano a a boerethe, jaaka Modimo e le mopaki wa rona. 6 Ga re aka ra batla kgalalelo mo bathong, go tsweng mo go lona kana ba bangwe. Re kabo re ne re tsere sebaka jaaka Baaposetolo ba ga Keresete. 7 Boemong, re ne re le bonolo mo go lona jaaka motsadi a gomotsa ngwana wa gagwe. 8 Ka tsela e re ne ra nna le kamo mo go lona. Re itumelela go kgaogana le lona eseng fela efangedi ya Modimo mme le matshelo a rona. Ka gore le amile dipelo tsa rona. 9 Ka le a gakologelwa, barwarre, pereko le go dira ka thata ga rona.Bosigo le motshegare re ne re bereka ka thata gore re seka ra tseela ope wa lona ko tlase. Ka nako eo, re le reretse efangedi ya modimo. 10 Le basupi, le Modimo le ene, gore re boitshepo jang, re siame jang, ebile re itshwere go sena selabe ha pele ga lona ba le dumetseng. 11 Ka tsela e e tshwanang, le a itse gore ka botlhe ba lona, jaaka ntate a na le bana ba gagwe, re le tsholeditse ra le kgothatsa. Re pakile 12 gore le tsamaye mo ntheng e e tshwanetseng Modimo, yo o le bileditseng mo bogosing ja gagwe le kgalalelo. 13 Go bane ka lebaka le re leboga Modimo ka golekana. Go bane fa le setse le amogetse molaetsa wa Modimo go tsweng mo go rona o le o utuleng, ga le a le amogela jaaka lefoko la motho. Ka gore, le le amogetse ka boammaruri ja lone, lefoko la Modimo. Ke lone lefoko le le berekang mo go lona ba le dumetseng. 14 Lona, bakaulengwe, le nnile baetsi ba kereke ya Modimo e e ko Judea mo go Jeso Keresete. Ka gore le lona le bogile selo se se tshwanang go tswang mo banneng ba lefatshe la lona. Jaaka ba dirile go tswa mo Bajuteng. 15 E ne e le Bajuta ba bolaileng Jeso Keresete le baporofiti. E ne e le Bajuta ba re kobetseng ntle. Ga ba itumedise Modimo. Mme, ba kubetsa batho botlhe. 16 Ba re gana gore ba ipuelele le Badichaba gore ba bolokwe. Maduo ke gore ba nna fela ba tlatsa maleo a bone. Tshakgalo e tla tla mo go bone ko bokhutlong. 17 Re ne re kgaogantswe mo go lona, barwarre, ka nako e khutshwane, mo mothong e seng mo pelong. Re ne re tlhwaafetse thata, ka keletso e kgolo, go bona difatlhego tsa lona. 18 Ka gore re eleditse go tla mo go lona, nna, Paulo, gangwe le gape, mme Saatane a re emisa. 19 Ka gore se ke boitumelo ja rona mo bokamosong, boipelo, kana korone ya boikgogomoso fa pele ga Morena wa rona Jeso Keresete mo go tleng ga gagwe? Ga se lona fela jaaka ba bangwe? 20 Go nne o kgalalelo ya rona le boipelo ja rona.