Kgaolo 4

1 Mme jaanong, ka gore Keresete o bogile mo nameng, ithatafatseng ka maikalelo a a tshwanang, ka gore ope yo o bogileng mo nameng o emisitse go tswa mo boleong. 2 Ka lebaka, motho wa go tshwana le yo, ka nako yotlhe ya gagwe mo senameng, ga a sa tlhola a tshelela dikeletso tsa setho, mme o tshelela thato ya Modimo. 3 Gonne nako e e lekaneng e fitile go dira se baditshaba ba neng ba batla go se dira - dikeletso tse di tseneletseng, lorato, botagwa, go rokotsa, menate, le ditiro tsa medingwana tsa matlhalobisa ditlhong. 4 Ba akanya gore ke dilo tse di sa tlwaelesegang go bo le sa kopana le bone mo merwaleleng ya tlhakatlhakano, jaanong ba bua bosula ka lona. 5 Ba tla neela pego ko go ene yo o ipaakanyeditseng go atlhola batshidi le baswi. 6 Ka lebaka le mafoko a a molemo a ne a reriwa le mo go ba ba suleng, gore, le ntswa ba ne ba atlhotswe mo nameng jaaka batho, ba ka tshela jaaka modimo mo moweng. 7 Phelelo ya dilo tsotlhe e tla gautshwane. Mme ke gone nnang le mogopolo o o tlhomameng, nnang le megopolo e e iketileng mo dikakanyong tsa lona ka lebaka la thapelo. 8 Ko godimo ga dilo tsotlhe, nnang le lorato la boammaruri mo bangweng ka lona, ka gore lorato le khurumetsa matshwititshwiti a maleo. 9 Tshwarang ba bangwe sentle le sa ngongorege. 10 Jaaka mongwe le mongwe wa lona a amogetse mpho, e diriseng go direla ba bangwe. Dirang se jaaka batlhokomedi ba dimpho tse dintsi tsa Modimo tsa mahala. 11 Fa mongwe a bua, a e nne jaaka ditiro tsa Modimo. Fa mongwe a direla, a e nne mo maatleng a modimo a a neetseng. Dirang dilo tse gore mo ditseleng tsotlhe Modimo o ka galalediwa go tswa mo go Jeso Keresete. A e nne mo go Jeso Keresete kgalalelo le maatla go ya ka bosakhutleng. Amen 12 Baratwa, le seka la kaya ele selo se se sa itsegeng molelo o o le diragaletseng, jaaka e kete ke selo se se sa itsagaleng se le diragaletse. 13 Mo boemong, le fa go le gontsi mo le go itemogetseng ka Keresete, itumeleng, gore le tle le ipele le bo le itumele mo go supagaleng ga kgalalelo ya gagwe. 14 Fa ele gore le rogelwa leina la ga Keresete, o segofetse, ka gore moya wa kgalalelo le moya wa Modimo o ntse mo go lona. 15 Mme le se letelele ope wa lona go boga jaaka mmolai, legodu, modira bosula, motho yo o itsenyang mo dikgannyeng tse di sa mo tshwanelang. 16 Mme fa mongwe a boga jaaka Mokeresete,a a seka a tlhajwa ke ditlhong; mo boemong, a galaletse modimo ka leina leo. 17 Ka gore ke nako ya katlholo go simolola ka ba ntlo ya Modimo. Fa go simolola ka rona, ditlamorago tsa ba ba sa obameleng mafoko a a molemo a Modimo e tla nna nna jang. 18 Mme "Fa ele gore monna wa mosiame o bolokwa go le thata, ba ba senang modimo le badira dibe ba tla bonagala jang?" 19 Mme jaanong ba ba bogang ka lebaka la la thato ya ga Modimo ba tshephe mewa ya bone mo mmoping yo o boikanyego mo go direng sentle.