Kgaolo 3

1 Ka tsela e, lona ba le leng basadi le tshwanetse la ikokobeletsa banna ba lona. Dirang se lefa banna ba bangwe ba tlhoka kutlo mo lefokong, ba ka fenngwa le fa go sena lefoko, ka boitsholo ja basadi ba bone. 2 Ka gore ba tla bo ba bone maitsholo a lona a a bonolo ka tlotlo. 3 A e seka ya dirwa ka mokgabo wa ko ntle: meriri e e logilweng, le go ikgabisa ka gouta, le go apara dilwana tsa mokgabo. 4 Mme, a go dirwe ka setho sa ka ko teng ga pelo, le bontle ja moya o o didimetseng o le bonolo, o o montle fa pele ga modimo. 5 Gonne basadi ba ba boitshepo ba kile ba ikgabisa ka tsela e. Ba ne ba na le tshepho mo modimong ba bo ba ikobela banna ba bone. 6 Ka tsela e Sarah o ne a nna kutlo mo go Aborahame a bo a mmitsa Morena wa gagwe. Jaanong o nna ngwana wa gagwe fa o dira se se molemo ebile o sa tshabe mathata. 7 Ka tsela e, lona banna le tshwanetse go tshela le basadi ba lona go yeng ka go tlhaloganya, jaaka sejana se se bokoa, mosadi. Le tshwanetse la ba fa tlotlo jaaka baja boswa ka lona ba mpho ya botshelo. Le dire se gore dithapelo tsa lona di seka tsa kgoreletsega. 8 Sa bofelo, lona lotlhe, nnang ka ditlhaloganyo tse di tshwanang, bopelotlhomoge, le rata jaaka bakaulengwe, pelo e e bonolo, le boikobo. 9 Se buseletse bosula ka bosula kana matlhapa ka matlhapa. Mme bogolo, tswelelang ka go segofatsa, ka gore ka se le ne le biditswe, gore le rue tshegofatso boswa. 10 "Ene yo o ratang botshelo a bo a bona malatsi a a molemo o tshwanetse go emisa leleme la gagwe mo bosuleng le dipounama tsa gagwe go bua tsietso. 11 A tswe mo dilong tse di bosula a bo a dira tse di molemo. A bate kagiso a bo a e sala morago. 12 Matlho a modimo a bona basiame, le ditsebe tsa gagwe di utwa dikopo tsa bone. Mme sefatlhego sa modimo se kgatlhanong le ba ba dirang bosula." 13 Ke mang ene yo o ka go utusang botlhoko fa o eletsa dilo tse di molemo? 14 Mme fa o boga ka lebaka la tshiamo, o segofetse. Se boife sepe se ba se boifang. O seka wa tshwenyega. 15 Mme, kgaoganya Morena Keresete yo o mo pelong ya gago a le boitshepo. O nne o ipaakanyeditse ka nako tsotlhe go araba yo o go botsang gore ke eng o na le tshepo mo modimong. Dira se ka bonolo le ka tlotlo. 16 Nna le letswalo le le siameng gore batho ba ba rogang botshelo ja gago jo bontle mo go Keresete ba tlhabiwe ke ditlhong ka gore ba bua kgatlhanong le wena ekete o ne o le modira bosula. 17 Go botoka, fa modimo a eletsa, gore o bogele go dira molemo gona le go dira bosula. 18 Keresete le ene o kile a boga a bogela maleo. Ene yo o siameng o re bogetse, rona ba re neng re sa siama, gore a re tsise ko modimong. O ne a bolawa mo nameng, mme o ne a tshedisiwa ka Moya. 19 Ka Moya, a tsamaya a ya go rerela mewa e gone jaana e leng mo kgolegelong. 20 Ba ne ba tlhoka kutlo fa ne bopelotelele ja modimo bo eme ka malatsi a ga Noah, mo malatsing a go aga Areka, mme Modimo a boloka batho ba se bantsi - mewa e le boferabobedi - ka metsi. 21 Se ke bokao ja kolobetso e e le bolokileng gone jaana - e seng jaaka go tlhatswiwa ga leswe mo metsing. Mme jaaka go ikuela ga letswalo le le siameng ko modimong - go tsweng mo go tsogeng ga ga Jeso Keresete. 22 Keresete o mo letsogong le le siameng la modimo. O tsene mo legodimong. Baengele, ditaolo, le maatla a tshwanetse a obama ko go ene.