Kgaolo 2

1 Tlosang dilo tsotlhe tse di bosula,tsietso,boitimokanyo,tshakgalo, lefufa le ditshebo. 2 Jaaka bana ba e leng gone ba tsholwa ba ba nyoretseng mashi a semowa , gonne ka one le tshwanetse go gola mo polokong, 3 fa le utlwile gore Morena o molemo. 4 Tlaang ko go ene yo eleng lentswe le le tshidileng le le gannweng ke batho, mme e le, le le kgethilweng ke Modimo a le botlhokwa mo go ene. 5 Le lona le tshwana le mantswe a tshidileng a a agiwang go nna ntlo ee boitshepo gore le tle le nne magosi a a boitshepo aa ntshang setlhabelo se se boitshepo se se amogelesegang fa pele ga Modimo ka Jeso Keresete. 6 Lokwalo la re" Bonang, ke baa lentswe mo Sione lentswe la motheo le le kgethilweng le le tlhwatlhwa, mongwe le mongwe oo dumelang mo go ene ga a kitla a tlhabisiwa ditlhong. 7 Tlotlo ke ya lona ba lo dumelang,"Mme, ''lentswe le gannwe ke baagi, mme e nnile lentswe le legolo la motheo," 8 mme"lentswe le le kgoreletsang le lefika le le kgoreletsang"a kgoreletsa ba ba sa dumeleng lefoko gonne ke sone se ba se beetsweng. 9 Mme lona le batho ba ba kgethilweng,ba losika la segosi tshaba ee boitshepo,barua boswa ba modimo, gore le tle le itsese ditiro tse di molemo tsa ene yo o le biditseng go tswa mo lefifing a le biletsa go ya ko leseding le le gakgamatsang. 10 Le ne le se batho, mme jaanong le batho ba Modimo. Le ne le sa amogela mautlwelobotlhoko, mme jaanong le amogetse mautlwelobotlhoko. 11 Baratwa, ke le bitsa jaaka baeng le bajaki ikgapheng mo dikeletsong tsa nama, tse di lo direlang ntwa kgatlhanong le mewa ya lona. 12 Le tshwanetse gore le nne le boitshwaro jo bo ntle magareng ga ba ditshaba,gore e re le bua le lona ka gore le dirile dilo tse di bosula,ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba tle ba galaletse Modimo mo go tleng ga letsatsi la gagwe. 13 Tlotlang taolo ya batho botlhe ka lebaka la Morena, tlotlang kgosi le bogosi jwa one , 14 balaodi ba ba romilweng go tla go otlhaya ba dira bosula le go galaletsa ba ba dirang tiro ee ntle. 15 Gonne mo ke yone thato ya Modimo, gonne mo go direng molemo lo didimatsa dipuo tse di sa tlhomamang tsa dieleele. 16 Jaaka batho ba ba golotsweng se diriseng kgololesego ya lona go apesa bosula mme nnang jaaka batlhanka ba Modimo. 17 Tlotlang batho botlhe, ratang bakaulengwe, boifang Modimo, tlotlang kgosi. 18 Batlhanka, nnang kutlo mo baeteledi pele ba lona ka tlotlo yotlhe. Le seka la nna kutlo fela mo baeteledi pele ba ba siameng le nne kutlo le mo go ba ba sa siamang. 19 Gonne go a lebosega fa motho a itshokela dipogisego tsa go tlhoka tshiaomo kantlha ya kitso ya gagwe ya Modimo. 20 E ka nna tlhwatlhwa e e kae fa re leofa mme ra bo re itshoka fa re bogisiwa? Mme fa o dirile molemo o tla boga, fa o otlhaiwa jalo ke kgalaletso e tshwanetseng Modimo. 21 Gonne ke sone se lo se bileditsweng, ka gore keresete o bogiseditswe lona, o tlogetse sekao gore le tsamae mo dikgatong tsa gagwe. 22 Ga a ise a dire sebe sepe, le fa e le tsietso ga e a fitlhelwa mo molomong wa gagwe. E rile ba mo kgoba ka mafoko, ga a ise a ipusolosetse. 23 E rile ba mo kgokgontsha ga a ise a ipusolosetse, mme o ile a ineela mo go ene o o atlholang ka tshiamo. 24 Ene ka bo ene o tsere maleo a rona ka mmele wa gagwe a a isa ko setlhareng, gore re se ka ra tlhola re nna le seabe mo sebeng, gore o tle o tshelele tshiamo. Gonne ka di petso tsa gagwe re fodisitwe. 25 Gonne le ne le timetse jaaka dinku, gonne gone gompieno le boetse mo Modiseng le motlhokomedi wa mewa ya lona.