Kgaolo 5

1 Ke kgothatsa bagolwane magareng ga lona, nna, yo ke leng mongwe wa bagolwane. Le nna gape ke mosupi mo dipogisego tsa ga Keresete, mme gape ke tla nna motsaya karolo mo kgalalelong e e tla senolwang. 2 Jaanong, ke a le kgothatsa, bagolwane, tlhokomekomelang letsomane la Modimo le le magareng ga lona. e seng ka gore le a patalesega, mme e le ka go eletsa, go yeng ka thato ya Modimo. Ba tlhokomeleng, e seng ka go batla madi ka bofafalele, mme ka go rata. 3 O seka wa itsaya jaaka morena mo godimo ga batho ba ba mo tlhokomelong ya gago. Boemong nna sekao mo letsomaneng. 4 Mme e tla a re fa Modisa yo mogolo a sena senolwa, lo tla amogela serwalo sa kgalalelo se se sa swabeng. 5 Ka yone tsela e e tshwanang, lona makawana ikokobeletseng ba bagolwane mo go lona.Lona lotlhe, apesang bolona ka boikokobetso a bo lo direle mongwe ka mongwe. Gonne Modimo o ganana le baikgogomosi, mme o neela tshegofatso mo go ba ba ikokobetsang. 6 Mme ke gone ikokobetseng ka fa tlase ga letsogo le le thata la Modimo gore a tle a le tsholetse mo nakong e e leng yone. 7 Latlhelang go tlhobaela gotlhe ga lona mo go ene, gonne o a kgathala ka lona. 8 Itekanele, nna kelotlhoko. mopateletsi wa lona, diabole, o tsamaya a dikologa jaaka tau e e bopang, a senka mongwe go mo senya. 9 Emang kgatlhanong le ene. Nonofang mo tumelong ya lona. Lo itse gore ba bangwe ba ba dumetseng mo lefatsheng ba itshokela dipogiso tse di tshwanang. 10 Morago fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa tshegofatso yotlhe, yo o lo bileditseng mo kgalalelong ya bosakhutling mo go Keresete, o tla lo siamisa, a bo alo thatafatsa. 11 Mo go ene a gonne taolo go ya bosakhutleng, Amen. 12 Ke tsaya Selifano e le mokaulengwe yo o boikanyego, mme ke lokwaletse ka bokhutshwane go tswa mo go ene. Ke ya lo kgothatsa e bile ke pakela mo go lona gore se ke se kwadileng ke boammaruri jwa tshegofatso ya Modimo. Emang mo go yone. 13 Mosadi yo o kwa Baebilone, yo o tlhophilweng ga mmogo le lona, o a le dumedisa. Gape Mareko, morwaake, o a le dumedisa. 14 Dumedisanyang ka katlo ya lorato. A kagiso e nne le lona lotlhe ba lo mo go Keresete.