Kgaolo 9

1 Jalo mongele wa botlhano a letsa terompeta ya gagwe. Ke ne ka bona naledi e e tswang ko legodimong, e e neng e wetse mo lefatsheng .Naledi e ne e neetswe dilotlele tsa bobipo jo bo senang selekanyo. 2 O ne a bula bobipo jo bo senang selekanyo mme ga tswa mosi o ya kwa godimo jaaka mosi wa kgotetso e tona. Letsatsi le phefo tsa fetoga tsa nna dintsho di dirwa ke mosi o o tswang mo bobipong. 3 Mosi o ga tswa tsie mo go one ya tsena mo lefatsheng ebile e ne e neetswe maatla a a tshwanang le a mashibishibi a a mo lefatsheng. 4 E ne e boleletswe gore e seka ya senya tlhaga le fa e le semela kana setlhare sepe se se tala mme e senye batho ba ba senang sekano sa modimo mo diphatleng tsa bone fela. 5 E ne e sa fiwa tetla ya go bolaya batho ba, mme e ne e filwe tetla ya go ba utlwisa botlhoko lebaka la dikgwedi tse tlhano. Botlhoko jwa yone bo tlaa tshwana le malongo a leshibishibi fa le lomile motho. 6 Mo malatsing ao,batho ba tlaa batla loso mme ga ba kitla ba lo bona. Ba tlaa eletsa thata go swa mme loso le tlaa tshaba fa go bone. 7 Tsie e e ne e lebega jaaka dipitse di baakanyeditswe ntwa. Mo ditlhogong tsa yone go ne go na le sengwe se lebega jaaka dirwalo tsa gauta, le difatlhego tsa yone di ne di tshwana le tsa batho. 8 E ne e na le moriri o o tshwanang le wa basadi le meno a a tshwanang le a ditau. 9 E ne e na le thebe ya tshipi. Modumo wa diphuka tsa yone o ne o ka re wa dikoloi tsa ntwa tse dintsi le dipitse di tabogetse kwa ntweng. 10 E ne e na le megatla e e lomang jaaka ya mashibishibi, mo megatleng ya yone go ne gona le maatla a go utlwisa batho botlhoko lebaka la dikgwedi tse tlhano. 11 Moengele wa bobipo jo bo senang selekanyo e ne e le kgosi ya yone. Leina le gagwe ka Sehebera ke Abodone ka Segerika ke Apoline. 12 Sebetso sa ntlha se fetile. Bonang! mme go tlaa nna le dipetso tse pedi tse di tlang. 13 Moengele wa borataro a letsa terompeta ya gagwe mme ka utlwa lentswe le tswa mo dinakeng tsa aletara ya gauta e e fa pele ga Modimo. 14 Lentswe le ne la raya moengele wa borataro yo o neng a tshotse terompeta la re, ´ Golola baengele ba bane ba ba golegilweng kwa nokeng e kgolo ya Eforeitse. 15 Baengele ba bane ba baneng ba baakanyeditswe oura eo, letsatsi leo, kgwedi eo le ngwaga oo, ba ne ba gololwa go ya go bolaya karolo ya bongwe mo borarong ya batho. 16 Palo ya masole a a neng a palame dipitse e ne e le 200,000,000. Ke ne ka utlwa palo ya bone. 17 Se, ke ka fa ke boneng dipitse di ntse ka teng mo ponong ya me le bapalami ba tsone. Dithebe tsa bone di ne di le bohibidu jaaka molelo, botala jo bo tlopetsweng le mmala wa salefa.Ditlhogo tsa dipitse di ne di tshwana le tsa ditau,mme mo melomomg ya tsone go ne go tswa molelo , mosi le Salefa. 18 Karolo ya bongwe mo borarong ya batho ya bolawa ke dipetso tse tharo tse, molelo, mosi le salefa tse di neng di tswa mo melomong ya dipitse. 19 Maatla a dipitse tse a ne a tswa mo melomong le mo megatleng ya tsone. Megatla ya tsone e ne e tshwana le ya dinoga gape di ne di na le ditlhogo tse di dirang dintho mo bathong. 20 Batho ba ba neng ba setse, ba ba neng ba sa bolawa ke dipetso tse, ba ne ba seka ba ikotlhaela ditiro tse ba neng ba di dirile, le fa e le go emisa go rapela matimone,medimo ya disetwa ya gauta, selefera le kgotlho, lentswe le legong, dilo tse di sa boneng, tse di sa utlweng le tse di sa tsamaeng. 21 Ba ne ba seka ba ikotlhoela dipolao tsa bone, le fa e le boloi jwa bone, le fa e le boaka jwa bone, le fa e le bogodu jwa bone.