1 Fa Kwana a bula sekano sa bosupa, ga nna tidimalo mo legodimong ka sephatlo sa oura. 2 Mme ka bona baengele ba le supa ba ba emeng fa pele ga Modimo, ba neelwa diterompeta di le supa. 3 Moengele yo mongwe atla, a ema fa aletareng ya maswalo, a tshotse sejana sa maswalo sa gouta. A neelwa maswalo a mantsi gore a a neele ga mmogo le dithapelo tsa badumedi botlhe mo aletareng ya maswalo ya gouta fa pele ga setilo sa bogosi. 4 Mosi wa maswalo le dithapelo tsa badumedi, tsa tlhatlogela fa pele ga Modimo gotswa mo letsogong la moengele. 5 Moengele a tsaya sejana sa maswalo a se tlatsa ka molelo o o tswang mo aletareng. Jalo a se latlhela fa fatshe mo lefatsheng, mme ga nna le modumo wa tladi, le dikodu, le go phatsima ga dikgadima, le thoromo ya lefatshe. 6 Baengele ba le supa ba ba tshotseng diterompeta di le supa ba ipaakanyetsa go di letsa. 7 Moengele wa ntlha a letsa terompeta ya gagwe, mme ga nna sefako le molelo, go tlhakanye le madi. Gone ga latlhelwa mo lefatsheng, gore bongwe mo borarong jwa lone bo tshubiwe, bongwe mo borarong jwa ditlhare jwa tshubiwa, le bojang jo botala jotlhe jwa tshubiwa. 8 Moengele wa bobedi a letsa terompeta ya gagwe, mme sengwe se tshwana le thaba e kgolo e e sha ka molelo, sa latlhelwa mo lewatleng. Bongwe mo borarong jwa lewatle jwa fetoga madi, 9 bongwe mo borarong jwa ditshedi tsa lewatle tsa a swa, bongwe mo borarong jwa dikepe tsa senngwa. 10 Moengele wa boraro a letsa terompeta ya gagwe, mme naledi e kgolo ya wa kwa legodimong, e tuka jaaka lebone, mo borarong jwa dinoka le metswedi ya metsi. 11 Leina la naledi ke Botlhoko. Boraro jwa metsi jwa nna botlhoko, mme batho ba bantsi ba a swa ka metsi a a nnileng botlhoko. 12 Moengele wa bone a letsa terompeta ya gagwe, bongwe mo borarong jwa letsatsi jwa itewa, ga mmogo le bongwe mo borarong jwa ngwedi le bongwe mo borarong jwa dinaledi. Jalo bongwe mo borarong jwa tsone jwa fetoga lefifi; bongwe mo borarong jwa motshegare le bongwe mo borarong jwa bosigo jwa tlhoka lesedi. 13 Ka leba, mme ka utlwa ntsu e e neng e fofa mo bogareng jwa loapi, e kua ka lentswe le le kwa godimo e re, ''Ijoo, ijoo, ijoo wee, mo go bao ba ba nnang mo lefatsheng, ka lobaka la tumo ya terompeta e e setseng e e tlogang e letswa ke baengele ba bararo.''