Kgaolo 7

1 Morago ga se ka bona baengele ba le bane ba eme mo khutlong tse nne tsa lefatshe, ba tshwere ka thata diphefo tse nne tsa lefatshe gore phefo epe e seka ya foka mo lefatsheng, le mo lewatleng, kgotsa kgatlhanong le setlhare sepe. 2 Ka bona moengele yo mongwe atla go tsweng kwa botlhaba, yo o nang le sekano sa Modimo yo tshelang.One a lela ka lentswe le le kwa godimo kwa baengeleng ba bane ba ba neng ba letleletswe go tlhokofatsa lefatshe le lewatle 3 ."O seka wa tlhokofatsa lefatshe le lewatle, kgotsa ditlhare go fitlhela re baya sekano mo diphateng tsa batlhanka ba Modimo wa rona." 4 Ka utlwa gore palo ya ba ba neng ba kanetswe ba ne bale 144,000, ba ba kanetsweng go tswa mo morafeng mongwe le mongwe wa batho ba Iseraele. 5 12,000 go tsweng mo morafeng wa Juda ba ne ba kanetswe, 12,000 mo morafeng wa Reuben, 12,000 go tsweng mo morafeng wa Gad, 6 12,000 go tsweng mo morafeng wa Asher, 12,000 go tsweng mo morafeng wa Naphtali, 12,000 go tsweng mo morafeng wa Manasseh. 7 12,000 go tsweng mo morafeng wa Simeon, 12,000 go tsweng mo morafeng wa Levi, 12,000 go tsweng mo morafeng wa Issachar. 8 12,000 go tsweng mo morafeng wa Zebulun, 12,000 go tsweng mo morafeng wa Joseph le 12,000 go tsweng morafeng wa Benjamin wa kanelwa. 9 Morago ga dilo tse ka leba, mme gabo go le bontsintsi jwa batho bo ope a ka se keng a bo bala, go tsweng mo lefatsheng lengwe le lengwe, letso, batho le puo ba eme fa pele ga setilo sa bogosi le fa pele ga Kwana. Ba ne ba apere diaparo tse di telele tse ditshweu ba tshotse dikala tsa setlhare sa palema mo diatleng tsa bone, 10 mme ba ne ba bitsa ka lentswe le le kwa godimo, "poloko e tswa kwa Modimong wa rona, yo o ntseng mo sitilong sa bogosi le kwa go Kwana.!" 11 Baegele botlhe ba ne ba eme go dikologa setilo sa Bogosi le go dikologa Bagolwane le ditshidi tse nne, mme ba patsame ba kgomisitse difatlhego tsa bone fa fatshe fa pele ga setilo sa Bogosi. Ba obamela Modimo, 12 ba re", "Amen! Kgalaletso, kgalalelo, botlhale, malebogo, tlotlo, matla le nonofo kwa Modimong wa rona go tloga fano go ya bosakhutling! Amen" 13 Mme mongwe wa bagolwane a mpotsa, "Ba ke bo mang, ba ba apereng diaparo tse ditelele tse di tshweu, mme ba tswa kae?" 14 Ka mo raya ka re, "Rra o a itse, mme a nthaya a re, "Bake bone ba ba duleng mo dipitlaganong tse dikgolo. Ba tlhatswitse diaparo tsa bone tse ditelele ba di dira ditshweu mo mading a Kwana. 15 Ka lebaka le ,ba mo pele ga setilo sa bogosi sa Modimo, mme ba mo obamela motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe. Ene yo o dutseng mo setilong sa bogosi o tla ba khurumetsa ka tante ya gagwe fa godimo ga bone. 16 Ga ba kitla ba bolawa ke tlala gape, le fa e le lenyora gape. Letsatsi ga lena go kitla le fisa le fa ele mogote ope yo o fisang. 17 Go nne Kwana fa gare ga setilo sa bogosi e tla nna Modisa wa bone, mme o tla a ba etelela pele go ya motsweding wa metsi aa tshelang, mme Modimo o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone."