1 Ka jalo ka bona moengele yo mongwe yo o mogolo a fologela ko tlase a tswa legodimong. A apesitswe ka leru, ga bo go na le motsewagodimo mo godimo ga tlhogo ya gagwe. Sefatlhego sa gagwe sa bo se ntse jaaka letsatsi mme dinao tsa gagwe tsa bo di tshwana le dipinagare tsa molelo. 2 O ne a tshwere lekwalo le butswe mo letsogong la gagwe, a baya leoto la gagwe la moja mo lewatleng, leoto la molema a le baya mo lefatsheng. 3 Ka jalo a gowa ka lentswe le legolo jaaka tau e e bopang. Fa a goeletsa, ditladi tse supa tsa goeletsa ka medumo ya tsone. 4 Ke ne ke re ke a kwala fa ditladi tse supa di goeletsa, mme ka utlwa lentswe go tswa legodimong le re, ''Tshegetsa sephiri se se builweng ke ditladi tse supa, o seka wa se kwala.'' 5 Ka jalo moengele yo ke mmonyeng a eme mo lewatleng le mo lefatsheng , a tsholeletsa letsogo la gagwe la moja kwa legodimong. 6 A ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng, yo o dirileng legodimo le tsotlhe tse di mo go lone, lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone le lewatle le tsotlhe tse di mo go lone, mme moengele a re, '' Ga go kitla go nna le tiego epe. 7 Mme mo letsatsing le moengele wa bosupa a tlogang a letsa terompeta ya gagwe ka lone, jaanong masaitseweng a Modimo a tla diragadiwa, jaaka a boleletse batlhanka ba gagwe ba baporofita.'' 8 Lentswe le ke le utlwileng le tswa kwa legodimong la bua le nna gape: ''Tsamaya, tsaya lekwalo le le butsweng mo letsogong la moengele yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.'' 9 Ka ya ko moengeleng ka mmolelela gore a nneele lekwalo. A nthaya a re , ''Tsaya lekwalo o le je. Le tla dira mala a gago botlhoko, mme le tla nna monate jaaka tswina mo leganong la gago.'' 10 Ka tsaya lekwalo mo letsogong la moengele ka le ja. Le ne le le monate jaaka tswina mo leganong la me, mme morago fa ke sena go le ja, mala a me a nna botlhoko. 11 Mongwe a nthaya a re, ''O tshwanetse wa porofita gape ka batho ba bantsi ,ditshaba, dipuo le dikgosi.''