1 Ke ne ka neelwa letlhaka go le dirisa jaaka thobane ee tsayang selekanyo sa boleele. Ka bolelelwa gore, "Lekanya tempele ya Modimo le aletara le go bala ba ba mo go yone. 2 Mme lelapana le le kwa ntle o seka wa le lekanya ka le neetswe Baditshaba, ba tlaa gataka motse oo boitshepo ka dikgwedi di le masome a mane le bobedi (42). 3 Ke tlaa naya basupi bame ba le babedi thata ya go rera ka malatsi a le 1260 ba apere letsela." 4 Basupi bao ke bone ditlhare tse pedi tsa olefa le ditlhomo tse pedi tsa dipone tse di emeng fa pele ga Morena mo lefatsheng. 5 Fa mongwe a leka go ba tlhokofatsa molelo o tla a tswa mo maganong a bone mme o laile baba ba bone. Mang le mang yo o lekang go ba tlhokofatsa o tlaa bolawa ka tsela e e ntseng jalo. 6 Basupi ba ba tlaa newa thata ya go emisa pula ka nako ya fa ba rera. Ba nne le thata mo metsing go a fetola go nna madi le go itaya lefatshe ka dipetso tsa mefutafuta go ya ka fa go rateng ga bone. 7 Fa ba feditse thero ya bone, sebatana se se tswang mo bobipong jo bo se nang selekanyo, se tla a tlhatloga se ba tlhasele, se ba fenye mme se ba bolae. 8 Ditopo tsa bone di tla a rapalala mo mmileng wa motse mogolo o bokao jwa bone e leng Sotoma le Egepeto kwa Morena wa bone a bapoletsweng gone. 9 Ka malatsi a mararo le sephatlo go tswa mo bathong, merafeng, diteme le ditshaba ba tla a lebelela ditopo tsa bone. Ga ba kake ba letlelela ope go ba tsenya mo lebitleng. 10 Ba ba tshelang mo lefatsheng ba tlaa itumela ba bo ba ipela.Ba tla a romelana dineo ka lebaka la gore baporofiti ba ba bogisitse batho mo lefatsheng. 11 Mme morago ga malatsi a mararo moya wa botshelo go tswa mo Modimong o tla a tsena mo go bone mme ba eme ka dinao.Poifo e kgolo e tla a tsena mo bathong. 12 Ba tla a utlwa lentswe le legolo le tswa legodimong le re mo go bone,"Tlhatlogelang kwano!"Jalo ba tla a tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung mo ponong ya baba ba bone. 14 Ka nako eo go tla a nna le thoromo e kgolo ya lefatshe mme karolo ya lesome ya motse e ribegele. Dikete tse supa tsa batho di tla a bolawa ke thoromo ya lefatshe mme ba ba falotseng ba tla a tshoga thata mme ba galaletse Modimo wa legodimo. 13 Sebetso sa bobedi se fetile, Bona!Sebetso sa boraro se tla a tla ka bofefo. 15 Moengele wa bosupa a letse terompeta mme lentswe la tswa legodimong le re, "Bogosi jwa lefatshe ke jwa Morena wa rona le Keresete mme o tla a busa ka bosakhutleng." 16 Bagolwane ba ba masome mabedi le bone (24) ba ba ntseng mo ditilong tsa bone mo pele ga Modimo ba wela fa fatshe ka difatlhego ba obamela Modimo. 17 Ba re, "Re isa malebogo go wena Mothataotlhe, yo o le teng le yo o neng a le teng le yo o tla a nnang teng, ka gore ka thata ya gago o busa lefatshe. 18 Ditshaba di ne di shakgetse mme bogale jwa gago ba tla. Nako e tsile ya gore baswi ba atlholwe le gore o duele batlhanka ba gago e leng baporofiti, ba e leng badumedi ebile ba tlotla leina la gago, botlhe ba ba senang tlotla le ba ba nonofileng. "Nako e tsile ya gago go senya botlhe ba ba senyang lefatshe." 19 Tempele ya Modimo ya bulega kwa legodimong mme letlole la kgolagano la bonalo mo teng ga tempele. Ga bonala go tsabakela ga dikgadima, go duma ga maru, thoromo ya lefatshe le matsubutsubu a magolo.