Kgaolo 12

1 Sesupo se segolo sa bonala kwa legodimong: mosadi a apere letsatsi, le ngwedi ka fo tlase ga dinao tsa gagwe, le serwalo sa dinaledi di le lesome le bobedi (12) mo tlhogong ya gagwe. 2 O ne a imile, mme o ne a lela a le mo ditlhabing, mo botlhokong jwa pelegi. 3 Mme sesupo se sengwe sa bonala kwa legodimong: Bona! Go ne go na le kgwenyape e khibidu e na le ditlhogo tse supa (7) le dinaka di le lesome (10), mme ga bo go na le dirwalo tse supa (7) mo tlhogong ya yone. 4 Mogatla wa yone wa tlosa karolo ya boraro ba dinaledi kwa legodimong, mme wa di tshololela kwa tlase mo lefatsheng. Kgwenyape ya ema fa pele ga mosadi o neng a tloga a belega, gore e re a sena go belega, e senyake ngwana. 5 O ne a tshola ngwana wa mosimane, o tla busang ditshaba tsotlhe ka lore la tshipi. Ngwana wa gagwe o ne a phamolwa a isiwa ko Modimong kwa setilong sa gagwe sa bogosi, 6 mme mosadi a siela kwa sekakeng, kwa Modimo a neng a mmaakanyeditse bodulo teng, gore a tle a tlhokomelwe malatsi a le sekete le makgolo a le mabedi le masome a marataro (1260). 7 Jaanong ga nna ntwa kwa legodimong. Mmaekele le baengele ba gagwe ba ne ba lwa le kgwenyape; mme kgwenyape le baengele ba yone ba itwela. 8 Mme kgwenyape ya bo e sa nonofa go fenya. A seka a tlhola a na le lefelo la go dula kwa legodimong ene le baengele ba gagwe. 9 Kgwenyape e tona - noga ya motsofe e e bidiwang mmaba kana Satane, o o tsietsang lefatshe lotlhe - a digelwa ko tlase mo lefatsheng, le baengele ba gagwe ba latlhelwa kwa tlase le ene. 10 Jalo ka utlwa lentswe le legolo kwa legodimong: "jaanong go tlile poloko, nonofo, bogosi jwa Modimo wa rona, le taolo ya ga Keresete wa gagwe. Gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona o latlhetswe kwa tlase, ene yo a neng a ba pateletsa fa pele ga Modimo wa rona motsegare le bosigo. 11 Ba mo fentse ka madi a Kwana le ka mapaki a bone, gonne ga baaka ba rata matshelo a bone le go ya lesong tota. 12 Jalo he, ipeleng, lona magodimo, le botlhe ba ba nnang teng. Go utlwisa botlhoko wee go lefatshe le lewatle gonne mmaba o fologetse kwa go lona. O tletse ka tshakgalo e maswe, o a itse gore nako ya gagwe e khutshwane. 13 Ya re kgwenyape e lemoga fa e latlhetswe mo lefatsheng, ya senka mosadi yo o neng a tshola ngwana wa mosimane. 14 Mme mosadi a neelwa diphuka tse pedi tsa ntsu e tona, gore a tle a siele kwa lefelong le a le baakanyeditsweng kwa sekakeng. Se e ne e le lefelo le a tla tlhokomelelwang teng, ka nakwana, dinako, le sephatlo sa nako - go tswa mo ponong ya noga. 15 Noga ya kgwa metsi go tswa mo leganong la yone jaaka noka, gore e dire morwalela go mo gogola. 16 Mme lefatshe la thusa mosadi. Lefatshe la bula legano la lone la metsa noka e neng kgwenayape e o okgwa ka legano la yone. 17 Mme kgwenyape ya kelemela mosadi ya tsamaya ya ya go bolotsa ntwa kgwatlhanong le dikokomane tsa gagwe, bao ba ba obamelang ditaelo tsa Modimo ebile ba tshwere bopaki ka ga Jeso. 18 Mme kgwenyape ya ema mo motlhabeng fa thoko ga lewatle.