1 Ebe ke bona sebatana se tswa mo lewatleng. Se ne e na le dinaka di le lesome le ditlhogo (10) di le supa (7). Mo dinakeng tsa sone ga bo go le dirwalo di le supa (7) mme mo ditlhogong tsa sone ga bo go le leina le le tlhapatsang Modimo. 2 Sebatana se ke se boneng se ne se tshwana le nkwe, maoto a sone a ne a tshwana le a bera, le molomo wa sone o tshwana le wa tau. Kgwenyape e ne ya e neela maatla a yone, le setilo sa yone sa bogosi, le taolo ya go busa. 3 Ngwe ya ditlhogo tsa kgwenyape e ne e lebega e kgaotswe, mme ntho ya yone e e masisi ya bo e fodile. Lefatshe lotlhe la gakgamala jaaka le sala sebatana se morago. 4 Ba ne ba obamela kgwenyape, ka gore e ne e neetse sebatana taolo. Ba ne ba obamela le sebatana, ba nna ba ntse ba re, "Ke mang yo o tshwanang le sebatana?, Ke mang yo o ka se lwantshang?" 5 Sebatana se ne se filwe molomo o o buwang mafoko a boikgogomoso le go tlhapatsa Modimo. E ne e neetswe tetla ya go busa dikgwedi di le masome a mane le bobedi (42). 6 Jalo he, sebatana se ne sa bua mafoko a a tlhapatsang Modimo: se tlhapatsa leina la Modimo, le ko a nnang teng, ga mmogo le ba ba nnang ko legodimong. 7 Sebatana se ne se letleletswe go bolotsa ntwa kgatlhanong le badumedi le go ba fenya. Gape, se ne se neilwe taolo mo morafeng mongwe le mongwe, mo bathong botlhe, mo ditemeng tsotlhe, le mo ditshabeng tsotlhe. 8 Botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng ba tla se obamela, mongwe le mongwe yo leina la gagwe le sa kwalwang, ko tshimologong ya lefatshe mo Bukeng ya Botshelo, ya Kwana, yo o neng a bolailwe. 9 Fa mongwe a na le tsebe, a a reetse. 10 Yo o tshwanetseng go ya botshwarong, o tla a ya botshwarong. Yo o tshwanetsweng ke go bolawa ka tshaka, o tla swa ka tshaka. Se ke pitso ya bopelotelele le boitshoko le tumelo ya ba ba leng boitshepo. 11 Mme ka bona sebatana se sengwe se tswa mo mmung. Se ne se na le dinaka tse di tshwanang le tsa konyana, mme se ne se bua jaaka kgwenyape. 12 Se ne se dirisa taolo ya sebatana sa ntlha mo ponong ya sone, mme se ne gape se dira gore lefatshe lotlhe le obamele, sebatana sa ntlha se ntho ya sone e neng e fodile. 13 Se dira metlholo e megolo. Se ne se dira gore molelo o tswe kwa godimo otle mo lefatsheng fa pele ga batho. 14 E ne e tsietsa batho ba ba nnang mo lefatsheng ka ntlha ya dikgakgamatso tse e neng e letleletswe go di dira. Se ne se laotse batho mo lefatsheng gore ba dire setshwantsho go tlotla sebatana sa ntlha se se neng se na le ntho ya tshaka mme sa tshela. 15 Se ne se letleletswe go neela setshwantsho sa sebatana sa ntlha mowa gore se kgone go bua le go dira gore botlhe ba ba sa obameleng sebatana ba bolawe. 16 Se ne se pateletsa mongwe le mongwe; yo o seng botlhokwa, yo o botlhokwa, bahumi le bahumanegi, bagololesegi le batlhanka, gore ba amogele letshwao mo letsong la moja le mo phatleng. 17 Go ne go sa kgonagale gore mongwe a reke, kgotsa a rekise, fa e se fela a na le letshwao la sebatana, gonne letshwao le, le ne le emetse leina la sebatana. 18 Go batla botlhale. Fa mongwe a na le kitso, aa tlhakanye palo ya sebatana gonne ke palo ya motho. Palo ya teng ke makgolo a le marataro le masome a le marataro le borataro (666).