Kgaolo ya lesome le bone

1 Ka leba mme ka bona Kwana a eme mo Thabeng ya Sione . O ne a na le ba ba dikete tse di makgolo a mane le bone (144,000) ba ba kwadilweng leina la gagwe le la ga rraagwe mo diphatlheng. 2 Ka utlwa lentswe le tswa legodimong ekete mosumo wa metsi a mantsi le dikgadima. Modumo o e keteng wa moletsi wa harepa. 3 Ba opela pina e ntsha ha pele ga setilo sa bogosi le ha pele ga ditshidi tse nne le bagolwane.Ga gona ope yo neng a ka ithuta pina e ,fa e se ba ba dikete tse di makgolo a mane le bone(144,000) ba ba rekilweng mo lefatsheng. 4 Ba ke ba ba sa e itshekololang ka basadi, ka gonne ba ikgapile mo boakeng. Ba ke bone ba ba salang kwana morago gongwe le gongwe kwa a yang. Ke ba ba rekolotsweng mo bathong e le batsalwapele ba Modimo le ba Kwana. 5 Ga go a fitlhelwa maaka ape mo go bone, ga ba na molato. 6 Ka bona moengele yo mongwe a fofa mo phefong, a tshotse molaetsa wa mafoko a a molemo go ya bosakhutlheng, go bolelela ba ba tshelang mo lefatsheng, morafe mongwe le mongwe, le teme nngwe le nngwe, le batho botlhe 7 A goeletsa ka lentswe le legolo. ''Boifang Modimo le mo galaletse gonne nako ya katlholo ya gagwe e gorogile. Mo obameleng ene yo o dirileng legodimo, lefatshe, lewatle le metswedi ya metsi.'' 8 Moengele yo mongwe, wa bobedi a latela a re '' O ole ,o ole Babelona yo mogolo, yo o nositseng ditshaba bojwala jwa boaka jwa gagwe.'' 9 Moengele yo mongwe, wa boraro a ba latela, a kua ka lentswe le le tona a re ''Fa ope a ka obamela sebatana le setshwantsho sa sone, a bo a amogela letshwao la gagwe mo phatleng kana mo letsogong 10 o tla a nwa bojalwa jwa bogale jwa Modimo, e le bojalwa jo bo sa timolwang mo senwelong sa gagwe. Motho yo o bo nwang o tla tlhokofadiwa ka salefa fa pele ga baengele ba ba boitshepo le fa pele ga Kwana. 11 Mosi wa tlhokofatso ya bone o kuuloga ka bosakhutlheng, mme ba tlhoka boikhutso bosigo le motshegare - baobamedi ba, ba sebatana le setshwantsho sa sone, le mongwe le mongwe yo o amogelang letshwao la leina la gagwe. 12 Se, ke pitso ya bopelotelele le boitshoko jwa ba ba leng boitshepo, ba ba obamelang ditaolo tsa Modimo le tumelo mo go Jeso.'' 13 Ka utlwa lentswe go tswa legodimong le re '' kwala se: Go sego baswi ba ba swelang mo moreneng.'' ''Ee'' go bua Moya, ''gore ba itapolose mo matsapeng a bone gonne ditiro tsa bone di tla a ba sala morago.'' 14 Ka leba ga bo go le leru le lesweu, mo go lone ga bo go ntse yo eketeng morwa motho. A rwele serwalo sa gouta a tshotse sekele e e bogale mo letsogong la gagwe 15 Moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng a bitsa yo o ntseng mo lerung ka lentswe le legolo a re ''Tsaya sekele mme o simolole go roba. Gonne nako ya thobo e gorogile, thobo e bodule'' 16 Foo yo o ntseng mo lerung a tsenya sekele mo lefatsheng, lefatshe la rojwa. 17 Moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng ya legodimo, le ene a tsere sekele e e bogale. 18 Mme moengele yo mongwe a tswa mo aletareng ya maswalo, yo a nang le thata mo molelong. A bitsa yo o tshotseng sekele e e bogale ka lentswe le legolo, ''Tsaya sekele ya gago e e bogale o robe mofine gonne o budule.'' 19 Moengele o ne a tsaya sekele ya gagwe a roba maungo a mofine a lefatshe. A e latlhela mo bogamolelong jwa mofine jwa bogale jwa Modimo 20 Bogamolelo jo jwa ntshetswa kwa ntle ga motse, madi a elela go tswa mo go jone a le bogodimo jwa molomo wa pitse, e ka nna selekanyo sa mabala a le sekete le makgolo a marataro (1,600).